Jump to content

Modirisi:Gobotsamang Balibi Modibetsane

Go tswa ko Wikipedia

Dumela motho wetsho. Leina la me ke Mme Gobotsamang Balibi Modibetsane. Ke tlholega kwa motseng wa Tonota mo kgaolong ya Legare. ke nna mo Gaborone. Ke direla kwa mmadikolo (UB) ke le motlhatlhelela dithuto mo lephateng le le itebagantseng le go tlhabolola thuto le mananeo aa dirisiwang mo thutong. Seabe same mo segwaneng sa dikitso sa Wikipedia, ke go tlhotlha le go rulaganya ditiro tsotlhe tse di tsenang mo segwaneng se, tsa puo ya Setswana go rurifatsa fa di lolame, di amogelesega e bile di tsamaelana le melawana ya Wikipedia. ke solofela gore seabe sa gago mo go romeleng tiro ya gago mo Wikipedia e tlaa nna monyetla o le wena o tlaa go itumedisang. A reye koo motswana wetsho.Gobotsamang Balibi Modibetsane 13:18, 15 Phalane 2011 (UTC)