Jump to content

Modirisi:Lillianoats

Go tswa ko Wikipedia

Leina la me ke Lillian Keabetswe oats. Ke mme wa dingwaga tse di fa gare. Ke tserwe e bile ke na le bana ba le bararo. Legae la me la tlholego ke Pitsane kwa Borolong mme ke agile kwa Draaihoek kwa ke nyetsweng teng. Ke morutabana ka tiro; ke ruta thuto ya Setswana. Mo bogompienong ke moithuti kwa unibesithing ya Botswana; ke dira ngwaga wa bobedi. Dithuto ke dira tsa Degree in Library and Information Studies.

Ke rata go bala , go kwala le go kgothatsa. Ke mokwadi wa dibuka tsa Setswana tse di dirisiwang ke baithuti ba mephato ya magare mo dikoleng tse di kgolwane.Ga se gone fela, ke kwala le dipolelo le maboko.Ke rata setso thata e bile ke ipela ka sone.Ke kgana ka go nna Motswana! Lillianoats 13:20, 15 Phalane 2011 (UTC)