Jump to content

Modirisi:Lonkiey/Draft 2

Go tswa ko Wikipedia
Se ke setshwantsho sa maungo a a farologaneng.

Maungo ke dijo tsa tlhago tse di tswang mo ditlhareng le mo dimeleng .Di nale le mebala e e farologaneng , menko e e monate , le tatso e e nnang monate kgotsa botlha jo bonnye .[1]Go nale le mefuta e mentsi ya maungo jaaka diapole , dipanana , dinamune , dimango le tse dingwe . Go le gontsi maungo a jewa mme tse dingwe di dirisiwa go dira matute kgotsa dijo tse dingwe . Maungo a botlhokwa mo matshelong a rona .[2]

Maungo a botlhokwa ka gonne a nale divithamine , diminerale le fiber tse di thusang mmele go gola sentle le go nna le botsogo jo bo siameng . Di nonotsha masole a mmele gore a kgone go lwantsha malwetse ka go farologana . Di thusa gape mo tshilong ya dijo mme disereletsa pelo le letlalo . Gape maungo a na le metsi a mantsi a a thusang go nosetsa mmele le go o naya maatla a tlhago . Ka jalo , go ja maungo ka metlha go thusa batho go tshela botshelo jo bo itekanetseng le jo bo maatla .[3]

Maungo a thusa mo ikonoming ka ditsela tse dintsi . Go tlisa madi mo bathong ka balemi le barekisi ba ba rekang le go rekisa maungo , go tsweletsa kgwebo ya ditlhare le dijo . Go oketsa tlhagiso ya maungo go thusa dinaga go nna le sekgoba sa go rekisa teng kwa ntle (exports) , mme gape go tlhama masebetsi mo metseng le mo ditlhokong tsa motse . Ka kakaretso maungo a tsweletsa botshelo jo bo itekanetseng ka go tsenya letseno mo bathong , go oketsa dijo tse di siameng le go nonotsha kgwebo ya lefatshe ka bophara .[4]

Tshupetso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. ↑ Frey, Erzsebet (2024-08-17). "White Flamingos: All You Need to Know (Pictures & Facts)". doi.org. Retrieved 2026-02-28.
  2. ↑ "Supplemental Information 2: Pictures of oysters' larvae aggregating on the different types of substrates". doi.org. Retrieved 2026-02-28.
  3. ↑ Slavin, Joanne L.; Lloyd, Beate (2012-07). "Health Benefits of Fruits and Vegetables". Advances in Nutrition. 3 (4): 506–516. doi:10.3945/an.112.002154. ISSN 2161-8313. {{cite journal}}: Check date values in: |date= (help)
  4. ↑ Carmignani, Fabrizio (2014-01-16). "Growth spurt hopes for global economy, but challenges remain". doi.org. Retrieved 2026-02-28.