Modirisi:Thabile Malete/Page 1
I have created page 1
---
---
Original page; Soshanguve ke lefelo le le sa bolokegang.
---

Ditshenyegelo tsa Soshanguve
Soshanguve ke lefelo le le leng kwa provense ya Gauteng kwa Pretoria. Le itsege goba lefelo le le kotsi, ka ntlha ya ditshenyo tse di begwang letsatsi le letsatsi. E tumile thata ka go nna le ditshenyo tsa go tsenelela malapa, go tseela batho dilo tsa bona mo ditseleng le go utswa ga bana ba ba nnye. Bontsi ba batho ba ba fitlhetsweng mo lefelong, ba na le kgang ya go utswetswa kgotsa go tseelwa ditsabone. ke lefelo le e leng gore, o ka se tsamaye bosigo o le nosi o le mosetsana. O ka se ke wa tsamaya mo tseleng o tshameka ka selelathekeng sa gago, ntle le go se tseelwa. Badudi ba lefelo le ba dumela gore se se tlholwa ke go tlala ga batho, go tswakantshwa ga merafe le diritebatse tse di leng teng. Nomoro ya ditshenyegelo tse di amogelang ke mapodisi kakgwedi e ka nna 74.8%[1]. Go dumelwa gore Soshanguve e amogela ditshenyegelo tse di kwa godimo mo lefelong le le bidiwang JUKULYN. Tshedimosetso ke gore, fa o etetse lefelo le, o nne malalalaotswe, o tlhokomele diruiwa tsa gago.
Histori
Leina la Soshanguve ke khutsufatso e e emelang merafe ya Sotho, Shangaan, Nguni le Venda, e e bontshang ditso tsa yona tse di farologaneng. Lefelo le le tlhomilwe ka 1974[2] fa baagi ba ne ba fudusiwa go tswa kwa Mamelodi le Atteridgeville jaaka karolo ya dipholisi tsa tlhaolele. Maikaelelo a kgaoganyo ya merafe e ne e le go nolofatsa puso, le fa go ntse jalo e ne ya dira gore go nne le dipharologano le go tlhoka tshepo magareng ga baagi. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse di fetileng, go ne ga nna le koketsego ya ditso tse di farologaneng. Gompieno Soshanguve e itsege ka bontsi jwa batho ba yone ba dipuo tse dintsi le ditso tse di farologaneng tse di farologaneng.
Soshanguve ke toropo e e matlhagatlhaga e e kwa bokone jwa Pretoria, e na le mafelo a le mantsi a a kgatlhang a go sekaseka. Ke legae la Yunibesiti ya Thekenoloji ya Tshwane, mafelo a mabenkele a a jaaka Soshanguve Crossing le Soshanguve Plaza, le Giant Stadium e e tsholang ditiragalo tse di farologaneng tsa metshameko. Baeti ba ka tlhopha go nna kwa Soshanguve Hotel kgotsa go ikhutsa kwa Batho Pele Game Lodge e e gaufi. Khuti ya Tswaing[3] e na le ditshono tse di siameng tsa go tsamaya ka dinao le go lemoga tlhago. Mo godimo ga moo, Soshanguve e na le diphaka le ditiragalo tsa botaki tsa selegae tse di fanang ka boitumelo le maitemogelo a setso.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]References
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Mkhwanazi, Keletso. "Jukulyn no longer top crime hotspot". Daily Sun. Retrieved 2025-07-09.
- ↑ Hendler, Paul (1992-06-01). "Living in Apartheid's shadow". Urban Forum. 3 (2): 39–80. doi:10.1007/BF03036751. ISSN 1874-6330
- ↑ "Tswaing Meteorite Crater Museum in Pretoria, Gauteng". www.sa-venues.com. Retrieved 2025-07-09.