Jump to content

Modirisi:Ttsogang

Go tswa ko Wikipedia

Dumelang bagaetsho, ke le dumedisa ka Pula. Leina la me ke Taboka Tsogang.Ke tlholega ko Botswana mo motseng wa Tutume ko bokone botlhaba. Ke goletse teng ka simolla lokwalo lwa ntlha ko sekolong se se potana se se bidiwang Timbi Primary School,ka tsweledisa dithuto tsa me ka ya sekolong se se golwane se se bidiwang Pandagala Community Junior Secondary School ka wetsa ngwaga wa boraro ka 2001,mme ka tswelela ka ya ko Tutume MC Connel College kwa ke ileng ka dira lokwalo lwa botlhano mme ka kgona go pasa ka ya mmadikolo kwa ke ileng ka nna mongwe wa di aloganye tsa Digarata ka ngwaga wa 2010.

Kene ka kgona go nna mongwe wa ba ba thapilweng gore ba ye go berekela ko mmadikolo o o didiwang Botswana College of Agriculture ko ke berekang ke le modiredi wa tsa maranyane.

Ke motho yo o ratang go bereka le batho thata e bile ke rata go itlhaopa fa go ta mo dilong tse di tshwanang tse jaana, ka gore mo ke go supa kutlwelo botlhoko le bo pelo-thomogi.

Betsho ke lebogela go le itse le go bereka le lona.

Ke a leboga a le nelwe ke pula. Pula!!!!!!!!!!!!!Pula!!!!!!!!. Ttsogang 13:25, 15 Phalane 2011 (UTC)