Jump to content

Modise Mokwadi Fly

Go tswa ko Wikipedia

Modise Mokwadi Fly e ne e le radipolotiki wa Motswana le molweladitshwanelo yo o neng a bolawa ka ngwaga wa 2010 ka ntlha ya go bolaya morwawe wa dingwaga tse pedi ka ngwaga wa 2006.

Fly e ne e le mokwaledikakaretso wa League ya banana ya Lekoko la Botswana Congress. Ka di 27 tsa Ngwanatsele 2006, Fly o ne a bolaya morwawe e bong Tawana Mosinyi ka selepe fa mosimane a ne a robetse. O ne a bolela gore o bolaile mosimane yoo ka phoso, fa a ntse a latlhela mapodisi ka selepe kwa ntle ga fensetere ya gagwe. Fly o ne a nganga gore mapodise a mo thuntshitse.[1]

Fly o ne a bonwa molato wa polao ke kgotlatshekelokgolo kwa Francistown ka di 17 tsa kgwedi ya phalane 2008. Ka di 21 tsa kgwedi ya phalane, Moatlhodi Thomas Masuku o ne a mo atlholela loso ka go lepelela mme a akantsha gore a ikuele kwa kgotlatshekelo ya Apeal ya Botswana. Boikuelo jwa ga Fly bo ne jwa kgaolwa mme morago ga moo a bolawa kwa Kgolegelong ya Bogare ya Gaborone ka di 24 tsa kgwedi Mopitlwe 2010.[2]

  1. Baatweng, Victor. [1], The Botswana Gazette, January 9, 2010, accessed March 20, 2011
  2. Ngwanaamotho, Maranyane. [2], Mmegi Online, March 26, 2010, accessed September 26, 2012