Jump to content

Moepo wa Rosh Pinah

Go tswa ko Wikipedia

Moepo wa Rosh Pinah ke moepo o o gaufi le Rosh Pinah kwa kgaolong ya Karas kwa borwa jwa Namibia. Ke mongwe wa meepo e metona thata ebile e le botlhokwa thata ya Iloto le zinki kwa Namibia. Moepo o o kwa bofelelong jwa borwa-bophirima, dikhilomithara di le masome mabedi kwa bokone jwa noka ya Orange, le dikhilomithara di le masome a matlhano kwa botlhaba jwa lewatle la Atlantic.[1] Moepo o ke wa Appian Capital Advisory LLP fa e sale ka 2023.

Mojuta o o tsholetsweng kwa Jeremane Mose Kohan o ne a lemoga go nna teng ga zinki gautshwane le dithaba tsa Hunz ka 1963. ke ene a tsileng ka leina la Rosh Pinah le e leng lefoko la Sehebera le le rayang boremelelo.[2] Moepo o o sale o bereka o sa eme go tswa ka 1969.[3]

Glencore e ne ya tsaya taolo ya moepo ya sephatlo ka 2011 ya oketsa seabe sa yone morago go nna masome a robabobedi mo lekgolong. Diabe tse di setseng e ne e le tsa lekgotla la go tlhabolola itsholelo ya batho bantsho la BEE, le e leng la ga Aaron Mushimba, le lekgotla le le emetseng babereki ba meepo.[4] Ka Seetebosigo ngwaga wa 2014, Glencore ba ne ba itsise fa ba tlaa rola marapo babereki ba le lekgolo, masome mabedi le bone kwa moepong wa Rosh Pinah.[5]

Ka 2017, Glencore e ne ya rekisa diabe tsa yone le didrisiwa tsa zinki e rekisetsa koporase ya Trevali Mining ka didikadike di le makgolo mane a madi a America.[6][7] ka Motsheganong 2018, Trevali e ne ya oketsa seabe sa yone go ya kwa masome a robabongwe mo lekgolong.[8] Ka 2020, koporase ya Trevali Nining e ne ya simolola patlisiso ya go epa go akanyetsa go atolosa polokelo ya moepo,[9] se se ne se akanyediwa se tlaa lopa didikadike di le masome a robabongwe le boraro jwa di dolara tsa America. Ka Seetebosigo 2023, kompone e e ikemetseng ya Appian Capital Advisory e ne ya tsaya kompone.[10]

Ditswammung

[fetola | Fetola Motswedi]

Moepo o na le dipolokelo tse di ka nnang didikadike di le lesome le bone tsa tshipi, bobedi mo lekgolong la Iloto le borobabobedi jwa zinki. Moepo o gape o na le kopore, selefera le gouta e le tse ditlaleletsang.

Tlhotlheletso mo tikologong

[fetola | Fetola Motswedi]

Dingwaga ngwaga tsa go epa Iloto le zinki mo moepong o di bakile go nna mo kotsing ya malwetsi a a bakiwang ke Iloto ga batho ba ba nnang kwa Rosh Pinah. Ka 2020, pego e ne ya diriwa ke ngaka ya kompone ya moepo wa zinki, a tlhomamisa go aramela Iloto ga bana ba le masome mararo ba ba neng ba tlhatlhobilwe. Pego e ne ya seka ya gatisiwa, ngaka a kobiwa mo tirong. Fa go nna mo kotsing mo go nna phatlalatsa ka 2023, dingaka di ne tsa supa fa makgolo a batho ba amilwe ke se mo dingwageng.[11][12]

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Mining in Namibia" (PDF). gsn.gov.na. 2012. Retrieved 14 October 2025
  2. Tonchi, Victor L., William A. Lindeke, and John J. Grotpeter, "Rosh Pinah Mine" Historical Dictionary of Namibia. 2nd edition. (2012) Toronto: The Scarecrow Press, Inc, p. 373.
  3. "Rosh Pinah mine". Trevali Mining Corporation. Retrieved 14 October 2015.
  4. "Glencore buys 80% of Rosh Pinah". The Namibian. Mining Weekly. 16 December 2011.
  5. "Glencore to Cut 124 Jobs at Rosh Pinah Zinc Mine in Namibia". Bloomberg.com. 3 June 2014. Retrieved 14 October 2025
  6. Burger, Schalk (1 September 2017). "Glencore sells zinc mines to Trevali for $400m". Engineering News.
  7. Namibian, The. "It's business as usual at Rosh Pinah mine". The Namibian. Retrieved 14 October 2025
  8. Vuuren, Richard Jansen van (2 May 2018). "Trevali Mining increases stakeholding in Rosh Pinah Zinc". Miningreview.com. Retrieved 14 October 2025.
  9. Corporation, Trevali Mining (26 February 2020). "Trevali Announces Drill Results Extending the Western Orefield Deposit at Rosh Pinah at Depth and Along Strike". GlobeNewswire News Room (Press release). Retrieved 14 October 2025.
  10. "Appian announces strategic investment in the operating Rosh Pinah zinc mine in southwestern Namibia". PR Newswire (Press release).
  11. Alberts, Ellen (13 July 2023). "Rosh Pinah children suffer chronic lead exposure". The Namibian.
  12. Klukowski, Steven (12 October 2023). "Rosh Pinah lead exposure alarming". New Era.