Moepo wa diteemane wa Karowe
Lefelo la moepo wa teemane wa Karowe | |
| Location | |
|---|---|
| Production | |
| Products | Diteemane |
Moepo wa diteemane wa Karowe ke moepo o o kwa Botswana.[1][2][3][4][5][6][7] Ke moepo wa lehuti le le bulegileng.[8] Ka ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le motso, kompone ya Lucara ya diteemane e ne ya ntsha madi a didikadike di le makgolo a mabedi le masome a mabedi a di dolara go isa moepo kwa tlase ga lefatshe.[9]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Moepo wa Karowe (Karowe ke lefoko la mo gae la Sesarwa le le rayang lejwana), o kwa bokone jwa Botswana, o upolotswe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a supa ke kompone ya De Beers, e e leng yone gape e e upolotseng moepo wa Orapa, o e leng one wa ntlha wa diteemane mo lefatsheng le, le meepo e mengwe e le meraro ka dingwaga tsa sekete makgolo a robabongwe le masome a supa di le fa gare.[10]
De Beers e ne ya upolola kimberlite A/K6 mme tshekatsheko ya bone ya pele e ne ya supa botlhokwa jo bo kwa tlase mo itsholelong, moepo o le bophara jwa diheketara di le tharo fa godimo. Beng ba moepo ba fetogile makgetho a le mararo. Ka ngwaga wa dikete pedi le borobabongwe, De Beers e ne ya rekisa masome a supa mo lekgolong a bontlha jwa moepo ba rekisetsa kompone ya kwa Canada ya Lucara ka didikadike di le masome a mane le borobabongwe. Morago, Lucara e ne ya nna bone fela beng ba moepo otlhe.[10]
Moepo o butswe ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bobedi. Ka Seetebosigo, thekiso ya ntlha ya diteemane tse di sa rethefadiwang go tswa mo moepong e ne ya tshwarwa. Ka kakaretso dingwaga tsa one tsa ntlha di tsamaile botoka thata.
Kompone e dirisa didirisiwa tsa sesha, tse di ba fang bokgoni jwa go epa diteemane tse ditona tse moepo o itsegeng ka tsone. [10]Sedirisiwa se sengwe ke sa X-Ray Transmission (XRT), se se simotseng go dirisiwa ka ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano,[10] se morago se neng sa dira gore go epiwe diteemane di le mmalwa tsa dikharete di feta makgolo a mararo kgotsa digereme di le masome a marataro nngwe le nngwe ya tsone.[11]
Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabobedi o le fa gare, moepo o ne o thapa batho ba feta makgolo a robabobedi, masome a robabongwe le borobabobedi mo lekgolong la bone e le baagedi ba mo gae.[10]
Diteemane tse di bongweng tsa tlhwatlhwa
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le botlhano, diteemane di supa di epilwe mo moepong o. Nngwe le nngwe ya tsone e feta dikereme di le masome a marataro (dikharete di le makgolo a mararo); tse tharo di epilwe mo sebakeng sa beke ka Ngwanatsele: "Lesedi la Rona" (e pele e neng e le dikereme di le makgolo a mabedi, masome a mabedi le bobedi (dikharete di le sekete, lekgolo lesome le motso); morago ga go tlhatswiwa, e le dikereme di le makgolo a mabedi masome a mabedi le motso (dikharete di le sekete, lekgolo le borobabongwe)) [12]"The Constellation" (dikereme di le lekgolo masome a marataro (dikharete di le makgolo a robabobedi le boraro)) le lejwana le le sa fiwang leina la dikharete di le makgolo a mararo masome a supa le bone. Ga mmogo le ya "Queen of the Kalahari" e e bongweng pele ya dikereme di le masome a marataro le borobabobedi (dikharete di le makgolo a mararo masome a mane le bobedi), tsotlhe, di le bokete jo bo tlhakantsweng jwa dikereme do le makgolo a matlhano masome a mabedi le bosupa (dikharete di le dikete pedi, makgolo a marataro masome a mararo le borobabobedi) di rekisitswe ka didikadike di le lekgolo masome a matlhano le bone.[10]
"Lesedi la Rona"[12] e ne e le lejwana la boleng jwa bobedi ka bogolo mo lefatsheng ka bophara ka nako eo, e sala morago teemane ya Cullinan e e upolotsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le botlhani mo Aforika Borwa wa gompieno.[12][11] Ka nako eo gape e ne e le yone e tona mo Botswana, e feta e e bongweng kwa moepong wa Jwaneng ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe masome a robabongwe le boraro ka ngwaga wa dikete pedi lesome le bosupa, e ne ya rekisediwa moitsenape wa mekgabisa wa kwa Lontone Graff didikadike di le makgolo a matlhano le boraro.[12][10]
Morago Lucara e ne ya feta seelo sa yone gabedi. Ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabongwe, teemane ya Sewelo ya dikereme di le makgolo a mararo masome a matlhano le motso (dikharete di le sekete, makgolo a supa masome a matlhano le borobabobedi) e ne ya upololwa kwa moepong o o. Morago e ne ya rekiwa ke kompone ya Louis Vuitton ya kwa France ka madi a a sa buiwang.[13]
Ka Phatwe a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa dikete pedi masome a mabedi le bobedi, Lucara e ne ya itsise fa e upolotse teemane e e sa rethefadiwang ya dikereme di le makgolo a mane masome a robabongwe masome a robabobedi (dikharete di le dikete pedi, makgolo a mane, masome a robabongwe le bobedi) koo.[14] Gompieno, ke yone teemane ya bobedi e tona ya boleng joo go bonwa,[15] go ya ka puso ya Botswana, ke yone e tona thata go bonwa mo lefatsheng le.[16]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Karowe Mine". Lucara Diamond. 2019. Retrieved 27 July 2026
- ↑ "Major Mines & Projects | Karowe Mine". miningdataonline.com. Retrieved 27 July 2026
- ↑ "Projects - Karowe Diamond Mine". JDS Mining. Retrieved 27 July 2026
- ↑ Corp, Lucara Diamond. "LUCARA UNVEILS DIAMOND RECOVERIES FROM ITS KAROWE MINE". www.prnewswire.com (in Swedish). Retrieved 27 July 2026
- ↑ "Lucara Diamond unearths over 530-carats at Karowe mine in Botswana". MINING.COM. 2024-02-21. Retrieved 27 July 2026
- ↑ "TOMRA's technology and partnership approach delivers record-breaking diamond recoveries for Lucara". www.tomra.com. Retrieved 27 July 2026
- ↑ "DRA Global - Karowe Diamond Mine". www.draglobal.com. Retrieved 27 July 2026
- ↑ "Karowe Overview". Lucara Diamond. 2019. Retrieved 27 July 2026
- ↑ Graff, Michelle (2021-05-11). "Lucara Secures $220M in Financing to Take Mine Underground". National Jeweler. Retrieved 27 July 2026
- 1 2 3 4 5 6 7 "Botswana's Karowe Mine – home to exceptional diamonds and the second largest diamond in history". Mining Weekly. May 30, 2018. Retrieved 27 July 2026
- 1 2 "Largest uncut diamond in recent history found in Botswana mine". Reuters. April 26, 2019. Retrieved 27 July 2026 – via The Japan Times.
- 1 2 3 4 Graff, Michelle (April 10, 2019). "Graff Cut This 302-Carat Diamond from Lesedi La Rona". National Jeweler. Retrieved 27 July 2026
- ↑ "2nd largest diamond ever pulled from a mine unearthed in Botswana, officials say". CBS News. August 22, 2024. Retrieved 27 July 2026
- ↑ Kolirin, Lianne (August 22, 2024). "Huge 2,492-carat diamond, believed to be world's second-largest, unearthed in Botswana". CNN Style. Retrieved 27 July 2026
- ↑ Savage, Rachel (2024-08-22). "Botswana diamond could be second-largest gem-quality example ever found". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 27 July 2026
- ↑ Chothia, Farouk (August 22, 2024). "World's second-largest diamond found in Botswana". BBC News. Retrieved 27 July 2026