Jump to content

Moeti Mohwasa

Go tswa ko Wikipedia

Moeti Caesar Mohwasa (o tshotswe ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mararo ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe (1969) ke radipolotiki wa Motswana yo o diretseng jaaka Tona ya Botswana ya Puso, Tautona, Tshireletso le Tshireletsego le Moetapele wa Ntlo go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024).

E ne e le leloko la Botswana National Front (BNF) mme a tsena mo Palamenteng ya bo lesome le boraro ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024) jaaka mongwe wa Maloko a Palamente a a tlhophilweng ka tsela e e kgethegileng ya naga. [1][2]

Pele a tsena mo pusong, Mohwasa e ne e le ngaka ya BNF le UDC. O ne a dira jaaka mokwaledi wa phasalatso wa BNF, mokwaledi-kakaretso wa BNF, le tlhogo ya ditlhaeletsano tsa UDC. [3][4] ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), o ne a tlhophiwa go nna motlatsa Tautona wa BNF.[5]

Botshelo jwa gagwe jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Mohwasa ke yo mmotlana mo baneng ba le robedi mme ke rre wa ba le batlhano[3]. Rraagwe o ne a tswa kwa Matjitjileng kwa Limpopo, Aforika Borwa, fa mmaagwe a ne a tswa kwa Serowe, Botswana. [3]Batsadi ba gagwe ka bobedi ba ne ba ruta kwa sekolong sa poraemari. [3]Mohwasa o ne a latlhegelwa ke batsadi ba gagwe mo kotsing ya koloi fa a ne a le dingwaga di le tlhano mme o ne a godisiwa ke mmemogolo wa ga mmaagwe, yo moragonyana a neng a mo tlhalosa e le Mokeresete yo o gagametseng le yo o nang le kgalemo.[4]

Mohwasa a re o ne a nna le seabe mo dipolotiking tsa BNF a le dingwaga di le robedi morago ga go bona kopano ya BNF kwa Selebi-Phikwe. O ne gape a bua ka tlhotlheletso ya dingongorego tsa badiri kwa moepong wa BCL kwa Selebi-Phikwe, a re dipuisano le badiri ba moepong di dirile gore a utlwele botlhoko badiri le batho ba ba bokoa. [1][3]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

BNF le UDC ba nna le seabe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mohwasa o ne a nna mmueledi wa BNF ka ngwaga wa dikete tse pedi le botlhano (2005 )kwa khonferenseng ya bosetšhaba ya lekoko kwa Ledumang.[4] Ka ngwaga wa dikete tse pedile le lesome(2010), o ne a dira jaaka mokwaledi wa phasalatso wa BNF, mme a itsise gore ga a kitla a tsenela ditlhopho tsa komiti ya bogare tsa ngwaga oo, a re o eletsa go tsenela merero ya botho le go neela mongwe yo mongwe seabe seo. [4]

Moragonyana o ne a nna le diofisi di le mmalwa tsa BNF, go akaretsa motlatsa modulasetulo le modulasetulo wa Lekgotla la Basha la mokgatlho mo tikologong ya Selebi-Phikwe, leloko la Boto ya Boikuelo ya Ditlhopho tsa Bosetšhaba, modulasetulo wa dikomiti tsa go keteka segopotso sa bo masome a mane le botlhano le bo masome a matlhano sa BNF, le mokwaledi wa tshedimosetso le phasalatso. [3]O ne a nna mokwaledi-kakaretso wa BNF ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro (2016).[3] Mo maemong ao o ne gape a amanngwa le tiragatso ya tlhaeletsano ya UDC mme e ne e le tlhogo ya tlhaeletsano ya UDC go tloga ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome mabedi le bobedi(2020).[3]

Jaaka mokwaledi-kakaretso, Mohwasa a re BNF e tlhoka mokwaledi wa nako e e tletseng le wa didiriswa tse di botoka, a re lekoko le tshwanetse go nna kelotlhoko gore le se letle metšhine ya lona ya mokgatlho e koafala fa UDC e tsena mo pusong. [3]

Ditlhopho tsa Palamente tsa 2014

[fetola | Fetola Motswedi]

Mohwasa o ne a emela UDC kwa Selebi-Phikwe West kwa ditlhophong tsa kakaretso tsa Botswana tsa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone (2014). Ka nako ya letsholo, moeteledipele wa UDC, Duma Boko o ne a itsise Mohwasa jaaka moemedi wa palamente wa lekoko la gagwe mo tikologong eo.[6] Mohwasa o feditse a le boraro, a amogela diboutu di le sekete, makgolo a mabedi le lesome le botlhano (1,215 ) morago ga Dithapelo Keorapetse wa Botswana Congress Party, yo o fentseng ka diboutu di le dikete tse nne le makgolo a mabedi le masome a mane le bosupa (4,247), le Opelo Makhandlela wa Botswana Democratic Party, yo o amogetseng diboutu di le dikete tse tharo le lekgolo le masome a robabobedi le bosupa (3,187). [7]

Mo pusong

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga UDC e sena go fenya ditlhopho tsa Botswana ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), Tautona Duma Boko o ne a tlhopha Mohwasa jaaka mongwe wa maloko a le marataro a a tlhophilweng ka tsela e e kgethegileng mo Palamenteng ya bo lesome le boraro ,mmogo le Bogolo Kenewendo, Lesego Chombo, Pius Mokgware, Steven Modise le Nono Kgafela-Mokoka.[2]

Mohwasa o ne a ikana jaaka Tona ya Tautona wa Lefatshe kwa Ofising ya Tautona kwa Gaborone ka kgwedi ya Ngwanatsele e le lesome le borobabobedi ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024).[8] [9]

Ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026), Mohwasa o ne a sireletsa tshitshinyo ya puso ya kgotlatshekelo ya molaotheo, a re e ne e ikaeletse go rarabolola dikgang tsa molaotheo le ditshwanelo tsa botho ka bophara go na le dikgang tse di rileng jaaka lenyalo la bong bo bo tshwanang kgotsa kotlhao ya loso.[10]

  1. 1 2 Dube, Pamela (15 November 2024). "The spin doctor is in the House". Mmegi. Retrieved 3 June 2026
  2. 1 2 Mathala, Sharon (6 November 2024). "Boko explains Specially Elected MP choices". Mmegi. Retrieved 3 June 2026
  3. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 BNF elects new leadership". DailyNews. 23 July 2025. Retrieved 3 June 2026.
  4. 1 2 3 4 "Moeti Mohwasa: BNF/UDC spin-doctor par excellence". Botswana Guardian. 31 May 2022. Retrieved 3 June 2026
  5. Mohwasa pulls out of BNF leadership race". Sunday Standard. 5 May 2010. Retrieved 3 June 2026
  6. "UDC has what it takes to deliver - Boko". DailyNews. 16 July 2014. Retrieved 3 June 2026
  7. "BCP wins Selebi Phikwe West". DailyNews. 25 October 2014. Retrieved 3 June 2026
  8. "Six ministers and assistants take oath". DailyNews. 18 November 2024. Retrieved 3 June 2026
  9. "Leadership". Government of Botswana. Retrieved 3 June 2026.
  10. "Mohwasa Sets The Record Straight On ConCourt". DailyNews. 10 February 2026. Retrieved 3 June 2026