Festus Mogae
| His Excellency Festus Mogae | |
|---|---|
Mogae in 2009 | |
| 3rd President of Botswana | |
| In office 1 April 1998 – 1 April 2008 | |
| Vice President | Seretse Ian Khama |
| Pele Ga Gagwe | Quett Masire |
| Morago Ga Gagwe | Seretse Ian Khama |
| 4th Vice-President of Botswana | |
| President | Sir Ketumile Masire |
| Pele Ga Gagwe | Peter Mmusi |
| Morago Ga Gagwe | Seretse Ian Khama |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | 21 August 1939 Serowe, Bechuanaland |
| Mosetshaba wa | Botswana |
| Mokgatlho | Botswana Democratic Party |
| Mo/Bakapelo | |
| Bana | 3 |
| Alma mater | University College, Oxford University of Sussex |
| Tiro | Economist |


Festus Gontebanye Mogae (o tshotswe ka ngwaga wa 1939 kgwedi ya Phatwe e tlhola masome a mabedi le motso) ke lepolotiki la Botswana yo o neng e le Tautona wa Botswana go tswa ka 1998 go ya kwa ngwageng wa 2008.[1] O ne a tsaya mo go Rre Quett Masire jaaka tautona ka ngwaga wa 1998[1] mme o ne a tlhophiwa gape ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2004; morago ga go nna ngwaga tse lesome mo ofising, o ne a fologa setilo ka ngwaga wa 2008 mme a tlhatlhangwa ke Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama.[2]
Ka ga gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Botshelo jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Mogae ke mokalaka (Moshona wa kwa bophirima) sentle, go tswa Sowe. Setlhopa se sa Bakalaka se bidiwa Badhalaunda, se se bileditsweng mo go kgosi, Dhalaunda, gape puo ya gagwe ke sekalaka kgotsa Shona sa kwa bophirima.
Mogae o dirile dithuto tsa economics kwa United Kingdom, pele kwa sekoleng sa Oxford, gape le kwa mmadikolo wa Sussex.[3] A boela kwa Botswana go tla go dira e le modirela setshaba pele fa a dira mo mafelong a pharologanyo le lekgotla la International Monetary Fund le Banka ya Botswana. Moragonyana o ne a nna Molaodi wa Banka ya Botswana go tloga ka 1980 go ema ka 1981.[4] O ne e le tona ya tsa Madi go tswa ka 1989 go ya go 1998.[5] E ne e le mothusa tautona wa Botswana go tswa ka ngwaga wa 1992 go ya kwa ngwageng wa 1998.[2]
Botautona
[fetola | Fetola Motswedi]Lekoko la ga Mogae ebong Botswana Democratic Party (BDP), le tsere puso ka ditlhopho tsa Phalane tsa ngwaga wa 1999, mme Mogae a ikanisiwa lobaka la ngwaga tse tlhano ka Phalane a le masome a mabedi mo ngwageng wa 1999[6][7] ke Ramolao Mogolo Julian Nganunu kwa lebaleng legolo la metshameko mo Gaborone.[7] Mo modirong o ne o,o ne a ikana go itebaganya le go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro.[6]
Go latela katlego ya BDP mo ditlhophong tsa Phalane ngwaga wa 2004, Mogae o ne a ikanisiwa gape legato la bobedi ka kgwedi ya Ngwanatsele a le malatsi mabedi mo ngwageng wa 2004.[8] Mogae o ne a solofetsa go lwantsha lehuma le letlhoko ya ditiro, le gone go emisa kanamo ya mogare wa HIV-AIDS, o a neng a ithaopile go o fedisa mo Botswana ka ngwaga wa 2016.[9]
Ka kgwedi ya Phukwi a le lesome le bone ka ngwaga wa 2007, Mogae o ne a bolela dikeletso tsa gagwe tsa go tlogela tiro kgwedi tse di borobabongwe tse di latelang.[10] O ne a tlogela tiro ya go nna Tautona Moranang a rogwa ka 2008 mme a tlhatlhangwa ke Mothusatautona Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama.[2] O ka bo a tshwanetse go tlogela tiro ka 2008 mo tiragalong epe fela; paakanyo ya molaomotheo e e neng ya fetisiwa ka 1997 e ne ya lekanyetsa tautona go palogotlhe ya dingwaga di le some mo maemong a gagwe, e ka tswa e le ka go latelana kgotsa ka go kgaogana.
Morago ga Botautona
[fetola | Fetola Motswedi]Mogae ga jaana o dira jaaka Morongwa yo o Kgethegileng wa Mokwaledimogolo wa Lekgotla la Ditshaba ka ga Phetogo ya Loapi.[11] Ka 2010, o ne a nna leloko la boto ya bagakolodi ya TeachAids e e sa direng dipoelo ya kwa Amerika.[12] Ga jaana o dira jaaka modulasetilo wa setlhopha sa mabenkele a magolo a Choppies kwa a amogetseng Pula 529,000 ka 2011.[13]
Ka 2013, mmogo le Tautona wa pele Benjamin Mkapa wa Tanzania, Mogae o ne a nna modulasetilo-mmogo wa bokopano jwa tlhabololo e e tswelelang, jo bo neng bo tshwerwe ke Setheo sa UONGOZI ka tirisanommogo le Club de Madrid,[14][15] mokgatlho o Mkapa le ene a neng a le leloko la one.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O tsene mo nyalong e e boitshepo le Mme Barbara Mogae ka 1967.[16] Ba na le bana ba le bararo ba basetsana, ba tshotshwe fa gare ga 1969 le 1987: Chedza , Nametso le Boikaego.[16][17]

Ditlotla le dietsele
[fetola | Fetola Motswedi]Mogae o ne a fiwa tlotla ya Grand Cross ya Légion d'honneur ke tautona wa France ebong Rre Nicolas Sarkozy mo kgweding ya Mopitlo a le masome a mabedi ka ngwaga wa 2008 go bo "a ne a le "moeteledipele wa sekao" mo go direleng lefatshe la Botswana "malebela" a puso ya batho ka batho gape le puso ee siameng.[18]
- Presidential Order of Honour of Botswana (1989)
- Officier de I’Order Nationale D’e Cote d’Ivoire (1979)
- Honorary Degree of Doctor of Laws – University of Botswana (September 1998)
- I’Order Nationale du Mali and the HATAB's Award for Outstanding Contribution to Botswana's Tourism Industry (1997)
- the Global Marketplace Award by the Corporate Council on Africa - Houston, USA (May 1999)
- Honorary Fellowship of the Botswana Institute of Bankers – Gaborone, Botswana (July 1999)
- Distinguished Achievement Award for AIDS Leadership in Southern Africa by the Medunsa Trust - Washington DC, USA (June 2000)
- AIDS Leadership Award by Harvard AIDS Institute – Gaborone (December 2001)
- 2002 Congressional Black Caucus Annual Legislative Conference Weekend Chairman's Award – Washington D.C., USA (September 2002)
- Africa-America Institute National Leadership Award – New York, USA (September 2002)
- Honorary Fellow – University College Oxford (2003)
- The Knight Commander of the Most Courteous Order of the Kingdom of Lesotho – Maseru, Lesotho (April 2004)
- The Baylor International Pediatric AIDS Initiative (BIPAI) International Leadership Award – Gaborone (October 2004)
- The Golden Plate Award by the Academy of Achievement - New York, USA (June 2005)
- The Pan African Tsetse and Tryponofomiasis (PATTEC) by the African Union – Addis Ababa, Ethiopia (January 2007)
- Doctorate of Humanity by the University of Limkokwing, Gaborone Botswana (January 2008)
- The Commander of the Legion d’Honneur Grand Croix of the Republic of France – Paris, France (March 2008)
- Taylor and Francis Award for significant contribution to women's development and welfare – Gaborone, Botswana (July 2008)
- Honorary Doctor of Humane Letters from the University of Southern California[19]
- Croix - Highest award in Madagascar granted to dignitaries of the Nation) Antananarivo, Madagascar (June 2006)
Mogae o fentse tlotla ya Ibrahim Prize for Achievement in African Leadership ka ngwaga wa 2008, gape o tla fiwa selekanyo sa madi a US$ 5 million go fitlha ngwaga tse di lesome gape le US$ 200,000 ka ngwaga botshelo jwa gagwe jotlhe go tsweng foo. Kwa toropong ya London Phalane a le masome a mabedi ka ngwaga wa 2008, mokwaledi mogolo wa United Nations Rre Kofi Annan o ne a tlhalosa: "Ketelelo pele ya maemo ya ga tautona Rre Mogae e supile katlego mo matlhong a setshaba kgatlhanong le segajaja sa HIV/AIDS se se neng se tshosetsaa lefatshe le batho mo lobakeng lo lo tlang."[20][21]
Mo godimo ga moo, o amogetse ditlotla di le mmalwa jaaka taelo ya Naledi Ya Botswana ka 2003 mme gape[22] o amogetse Sekgele sa Sejana sa Gauta sa Sekolo sa Phitlhelelo sa Amerika ka 2005.[23][24][25]
Motlhokomedi wa Rhodes Trust fa e sale ka 2010,[26] mme ka 2016, Mogae o ne a tlhomiwa go nna Leloko le le Tlotlegang la Mafatshe a Sele la Sekolo sa Bodiragatsi le Maranyane sa Amerika.[27]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Festus Mogae | president of Botswana". Encyclopedia Britannica. Retrieved 10 Phalane 2025.
- 1 2 3 "BIOGRAPHY OF HIS EXCELLENCY MR. FESTUS GONTEBANYE MOGAE" (PDF). Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "Biography of Festus MOGAE". African Success. Archived from the original on 8 February 2019. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "Milestones | Bank of Botswana". www.bankofbotswana.bw.
- ↑ ""About Us - Ministry of Finance"". Archived from the original on 2022-11-18. Retrieved 2025-10-10.
- 1 2 "BOTSWANA: Mogae sworn in as president", IRIN, 20 October 1999.
- 1 2 "Botswana: Festus Mogae a bewa go nna tautona", Seromamowa sa Botswana (nl.newsbank.com), 20 October 1999.
- ↑ "Update: Festus Mogae a kanelwa go nna tautona wa Botswana", Xinhua (nl.newsbank.com), 2 November 2004.
- ↑ The Government of Botswana– Vision 2016
- ↑ "Botswana's Mogae set to retire", AFP (IOL ), 15 July 2007.
- ↑ "Special and Personal Representatives and Envoys of the Secretary-General". United Nations. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "Former President of Botswana, Festus Mogae, joins TeachAIDS Advisory Board". TeachAids. 16 September 2010. Archived from the original on 6 December 2010. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ Mosikare, Oarabile (19 October 2012). "Inequality defines Botswana". MmegiOnline. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "Mkapa, Mogae to chair sustainable development meet". Daily News. Archived from the original on 21 November 2013. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "Festus Mogae is the former President of Botswana, Club de Madrid Member". Club de Madrid. Retrieved 10 Phalane 2025.
- 1 2 Naidoo, Jay (4 April 2014). "A leader I would vote for: Botswana's former president Festus Mogae". Daily Maverick. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "Biography of His Excellency Festus Gontebanye Mogae, Former President of the Republic of Botswana" (PDF). African Development Bank. July 2008. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "Sarkozy décore le président du Botswana pour sa bonne gouvernance", AFP, 20 March 2008 Tempolete:Fr icon.
- ↑ "Past Recipients – Honorary Degrees". honorarydegrees.usc.edu. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "ap.google.com, Former president of Botswana gets leadership prize". Archived from the original on 2008-10-31. Retrieved 2011-11-30.
- ↑ reuters.com, Botswana's Mogae wins African leadership prize
- ↑ "Festus Mogae". African Leadership Academy. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "Golden Plate Awardees of the American Academy of Achievement". www.achievement.org. American Academy of Achievement.
- ↑ "2005 Summit Highlights Photo".
His Excellency Festus Mogae, President of Botswana and 2005 honoree, speaking at United Nations symposium.
- ↑ "2006 Summit Highlights Photo".
Golden Plate Awards Council member President Festus G. Mogae of Botswana greets President William J. Clinton.
- ↑ "The Rhodes Trust and Trustees". Archived from the original on 16 May 2017. Retrieved 10 Phalane 2025.
- ↑ "FESTUS MOGAE (Trustee of the Rhodes Trust)". Archived from the original on 30 June 2016. Retrieved 10 Phalane 2025.