Mogalathekeng
Ponalo
Coolgirlvibes
Mogalathekeng ke sedirisiwa sa elektroniki se o ka se tsholetsang ka seatla wa tsamaya le sone gongwe le gongwe go buisana le batho ba bangwe.[1]
O ka dirisa mogalathekeng go:[2]
- letsetsa batho: O ka bua le ba masika le ditsala ba le kgakala.
- romela melaetsa: O ka kwala melaetsa ya mokwalo (SMS) kgotsa wa dirisa maranyane a a jaaka ka WhatsApp.
- Inthanete: O ka batla kitso, wa leba ditshwantsho, le go dira ditiro tsa banka.
Mogalathekeng o na le melemo le mathata a magolo a yona a eleng gore re a bona letsatsi ka letsatsi.
Melemo e Megolo[3]
- Thaeletsano e e Tswelelang: o romela melaetsa go balosika le ditsala khutlo nngwe le nngwe.
- Kitso ya ka Bonako: o ka batla dintlha, dikgang, le mmapa mo inthaneteng ka ponyo ya leitlho.
- Sedirisiwa sa Ditiro Tsotlhe: ditshwantsho, mmino, le GPS ka sedirisiwa se le sengwe sa mo kgetsing.
- Thuso ya Tshoganyetso: Letsetsa mapodisi kgotsa ba tsa bongaka ka bonako ka nako ya tlalelo.
Mathata a Megolo[3]
- Go Iteoga Tsebe: o kaa baka dikotsi tse di ntsi fa di ka dirisiwa ka nako ya go kgweetsa kgotsa go tsamaya ka dinao.
- Mathata a Boitekanelo: o baka go tlhoka boroko jo bo siameng, go lapa ga matlho, le go ikgokgela mo sekrineng.
- Dikotsi tsa Sephiri: o bontsha dintlha tsa gago tsa sephiri mo kotsing fa e latlhegile kgotsa e thubilwe ke ditsenela-maranyane.
- Thaeletsano e e Fokotsegileng: o fokotsa go buisana le go tlhama matlho sefatlhego le sefatlhego.
Go i tlhokomela o se dirisi mogalathekeng nakong e ntsi. O tlhokomele seabe se e leng gore se na le sona mo matshelong a rona ka matsatsi otlhe.
LENANE LA DITSHUPISO

- ↑ https://setswana.co.za/
- ↑ https://www.google.com/search?q=You+can+use+a+cell+phone+for%3F&oq=You+can+use+a+cell+phone+for%3F&gs_lcrp=EgZjaHJvbWUyBggAEEUYOTIHCAEQIRiPAjIHCAIQIRiPAtIBCTIxNzU4ajBqN6gCCLACAfEF-1f0AtK2NhXxBftX9ALStjYV&sourceid=chrome&source=chrome.ob&ie=UTF-8
- 1 2 https://www.google.com/search?q=the+advantages+and+disadvantages+of+cell+phones&sca_esv=8f46d310ac2e2e4a&sxsrf=APpeQnurD7Vio9cf-gwu1MkuI1uPqeqoFg%3A1785562461540&ei=XYVtatXSIMKFhbIPo-qWoQM&biw=776&bih=586&sclient=gws-wiz-serp&udm=50&fbs=ABfTbFVyMZGZf1hfvX9uKjN_-G8c4u0nXx4bEIpwm1lnNH832VTJOOCxW_fyN-Q_ezyf8gKjm3rhh_G8jdZ2Q6tji4z8Mva6cfvBj5rpPch2IC955HC4dEhTD85WaiWkSD5EjFm0h60zgQX7I9j71AeHFsZVI8Mqp1SC1ZddMdW0D-EkKiNEI_yD8cI00GbnprnmNBGYR2Yb5fJtEKoXJY3_zwJoYUlMYQ&aep=10&ntc=1&mstk=AUtExfC5ZFg0vOdbn3PWMik1Z8e_EdFMX-31Ru44eWFiRWRgsiao7EAZjJ2SZ74ClS9nTZ-5YxDr37ylm1dP8JgY1BYdZE3h7jP9-grzvbLFfpslAjnCn-OOblx4MGLrbeBc_LzsXmOeRNNhkntA5_9ZFJuxej52lXXv9bjYfYCepEPFi1oQDAeqS-wpdYGo55A62J9F_lEuTlezHWUVWI-0nEFGa3Y6LdDxBj-pLMnVBNXHmwTj4jf09YZVZ2nsu-06ZSFR680U_4bc30fY3acg4lA8CnpPSod9CYaYYZ9KIB6J8TES4n0tPoTev2bKWBj8xv29P-Y2GIKDAQ&aioh=3&csuir=1&cs=0&atvm=2&mtid=-oVtatjiBvWohbIP3MqMyAo