Jump to content

Mogobe wa Sudd

Go tswa ko Wikipedia
Mogobe wa Sudd

Sudd (Arabic, Nuer, Baki̱ec, Dinka, Toc) ke molapo o motona kwa South Sudan, o o bopilweng ke karolo ya Baḥr al-Jabal ya White Nile. Lefoko la Searabia la sudd le tswa mo lefokong la sadd (سد), le le rayang "sekgoreletsi" [1]kgotsa "thibelo". [2] Lefoko "swud" le ile la dirisiwa go kaya setlhaketlhake sengwe le sengwe se segolo sa dimela tse di kokobalang kgotsa mmete. Lefelo le le apesitsweng ke molapo ono ke lengwe la mafelo a matona go gaisa otlhe a a nang le metsi a a bongola mo lefatsheng e bile ke lefelo le legolo go gaisa otlhe la metsi a a letswai mo Nokeng ya Nile.

Mo makgolong a le mantsi a dingwaga mokgatšha ono, segolobogolo dimela tsa one tse di kitlaneng, e ne e le sekgoreletsi se se ka se kang sa fenngwa sa go tsamaya mo nokeng ya Nile. Baegepeto ba bogologolo ba ne ba palelwa ke go tsenelela mo Sudd le go fitlha kwa mafelong a a kwa borwa jwa yone. [3] Ka 61 AD, setlhopha sa masole a Roma se se neng se rometswe ke Mmusimogolo Nero se ne sa tlhatlogela kwa Nokeng ya Nile e Tshweu mme ba ne ba se ka ba kgona go feta Sudd, e e neng e le molelwane wa go tsenelela ga Roma mo Afrika ya ekhweitha. [4] Ka ntlha ya mabaka a a tshwanang mo dinakong tsa moragonyana, go senka motswedi wa Nile go ne go le bokete thata; kgabagare go ne ga akaretsa go tsaya maeto ka dikepe go tswa kwa lotshitshing lwa Afrika bogare, e le go tila go tsamaya go ralala Sudd

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe, patlisiso e supile gore go oketsega ga metsi a a elelang mo Sudd go ka nna ga baka karolo ya boraro ya go oketsega ga selekanyo sa methane mo atemosefereng ya Afrika Bophirima mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng. [5][6]

Noka ya Sudd e elela go tswa kwa Mongalla go ya kwa ntle ga Noka ya Sobat e e kopanang le Noka ya Nile e Tshweu e e fa godimo ga Malakal mmogo le go ya kwa bophirima go bapa le Bahr el Ghazal. Delta e e se boteng le e e sephaphathi e fa gare ga 5.5 le 9.5 degrees latitude north mme e akaretsa kgaolo ya dikilometara di le makgolo a mararo (310 mi) go tswa borwa go ya bokone le dikilometara di le makgolo a mabedi (120 mi) go tswa botlhaba go ya bophirima magareng ga Mongalla kwa borwa le Malakal kwa bokone.

Bogolo jwa yone bo farologana thata, ka palogare ya dikilometara tse di fetang dikete tse masome a mararo tsa sekwere. Ka nako ya dipula e ka nna ya atologa go feta 130,000 square kilometres (50,000 sq mi) e e akaretsang 21% ya naga, go ikaegile ka metsi a a tsenang, mme go tshologa ga metsi go tswa mo Letsheng la Victoria ke selo se segolo se se laolang maemo a merwalela le go khurumetsa lefelo. E re ka kgaolo ya Sudd e na le melatswana e e itsoketsang, matsha, masimo a lotlhaka le a papirase mme e latlhegelwa ke sephatlo sa metsi a a elelang ka ntlha ya go elela ga metsi mo melapong ya merwalela e e nnetseng ruri le ya dipaka tse di farologaneng, thulaganyo e e raraaneng ya metsi e na le ditlamorago tse dintsi tsa ntlha le tsa bobedi. Karolo e kgolo ya lefelo le ke Jonglei Canal e e sa felelang, e e neng e rulaganyeditswe go dikologa metsi go tswa kwa Sudd go tila ditshenyegelo tsa mowafalo le go oketsa selekanyo sa metsi a a ntshiwang kwa ntlheng ya Sudd.

Go tloga ka ngwaga sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le bongwe go ya go sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le boraro, go ne ga nna le koketsego e kgolo mo lefelong le le neng le tletse ka metsi fa metsi a Letsha la Victoria a ne a tlhatloga, mme metsi a a neng a tswa a oketsega. Botona jwa kgaolo ya Sudd bo amana le selekanyo sa metsi a a fitlhang kwa Bor go tswa kwa Albert Nile le go tswa kwa melatswaneng ya metsi kgotsa ya dipaka tse di ka oketsang ka selekanyo se segolo go ya kwa ntlheng e e kwa godimo ya Sudd. Mo dingwageng tsa bo1960 fa metsi a a neng a tswa mo Letsheng la Victoria a ne a oketsega, kwa metsi a a neng a elela kwa Mongalla a neng a oketsega go menagane gabedi, metsi a a neng a elela kwa Malakal kwa ntlheng e e kwa bokone ya mafelo a a tletseng ka seretse a ne a oketsega ka makgetlo a le 1,5 go feta a a neng a le teng pele. Ka ntlha ya go elela gono ga metsi a mantsi, mafelo a a nang le makgwafo a a nnetseng ruri le a a nang le makgwafo a a nang le merwalela ka dinako dingwe, fa a kopantswe otlhe fela, a oketsegile go nna bogolo jwa one jwa pele ka makgetlo a le 2,5. Merwalela e oketsegile thata, mme kgaolo ya merwalela ya setlha e oketsegile ka makgetlo a le 1,5 go feta bogolo jwa yone jwa pele. 9]

  1. Gaudet, John J.; Falconer, A. (1983). Remote sensing for tropical freshwater bodies. The problem of floating islands on Lake Naivasha. Nairobi, Kenya: Regional Remote Sensing Facility.
  2. The New Oxford American Dictionary (NOAD), 3rd edition.
  3. Dumont, Henri J., ed. (2009). "A Description of the Nile Basin, and a Synopsis of Its History, Ecology, Biogeography, Hydrology, and Natural Resources". The Nile Origin, Environments, Limnology and Human Use. Monographiae Biologicae. Vol. 89. Springer Science + Business Media B.V. pp. 1–21. ISBN 978-1-4020-9725-6.
  4. Kirwan, L.P. (1957). "Rome beyond The Southern Egyptian Frontier". Geographical Journal. 123 (1): 13–19. Bibcode:1957GeogJ.123...13K. doi:10.2307/1790717. JSTOR 1790717.
  5. Lunt, Mark F.; Palmer, Paul I.; Feng, Liang; et al. (2019). "An increase in methane emissions from tropical Africa between 2010 and 2016 inferred from satellite data". Atmospheric Chemistry and Physics. 19 (23): 14721–14740. Bibcode:2019ACP....1914721L. doi:10.5194/acp-19-14721-2019. hdl:20.500.11820/013be268-2ebf-478a-a9d0-1e80f8c4b888. S2CID 198448426.
  6. "Climate change: Methane pulse detected from South Sudan wetlands". BBC News. 2019.