Mogomotsi Mpote
| Motshameki wa kgwele ya dinao | |||
|---|---|---|---|
| Leina ka botlalo | Mogomotsi Mpote | ||
| Letsatsi la tsalo | 1 April 1962 | ||
| Lefelo la tsalo | Serowe, Botswana | ||
| Maemo | Striker | ||
| Tiro ya gagwe* | |||
| Dingwaga | Setlhopha | Metsh | (Dinno) |
| – | Miscellaneous | ||
| – | Diamond Chiefs | ||
| – | TASC | ||
| Teams managed | |||
| 1996–2005 | TASC (assistant) | ||
| 2005 | TASC | ||
| – | Miscellaneous | ||
| 2012-2013 | BR Highlanders | ||
| 2013-2015 | Township Rollers (assistant) | ||
| 2015 | Township Rollers (caretaker) | ||
| 2015-2017 | Township Rollers (caretaker) | ||
| 2017 | Township Rollers (caretaker) | ||
| 2017-2018 | Township Rollers (caretaker) | ||
| 2018 | Orapa United (assistant) | ||
| 2018-2021 | Orapa United (assistant) | ||
| 2019 | Botswana (caretaker) | ||
| 2022-2023 | Botswana | ||
| *Metshameko ya gagwe le dinno | |||
Mogomotsi Mpote ke motshameki wa pele wa kgwele ya dinao wa Motswana le motsamaisi[1] yo ga jaana a okametseng setlhopha sa Botswana.[2]
Mpote o ne a tshameka e le motlhasedi kgotsa motshameki wa bogologolo wa nomoro ya borobabongwe. O ne a simolola tiro ya gagwe e le mosha kwa Miscellaneous ka 1976, o ne a bidiwa ‘Teenage’ ka ntlha ya dingwaga tsa gagwe tse dinnye. Mpote o ne a fenya Botswana Second Division, morago ga moo liki ya bobedi ya Botswana le Miscellaneous pele ga a tsenela setlhopha sa Orapa sa Diamond Chiefs se a neng a se thusa go fenya Second Division e le mokapotene le mokatisi wa batshameki ka 1985. Moragonyana o ne a tsenela TASC, a ba thusa go fenya Cutswanap ya 1990.[3]
Morago ga go tlogela tiro jaaka motshameki Mpote o ne a tsena mo setlhopheng sa TASC jaaka mothusa motsamaisi ka ngwaga wa 1996 mme a bereka ka fa tlase ga Dick Chama le Seth Moleofhi. Morago ga go tsamaya ga ga Moleofhi ka ngwaga wa 2005 Mpote o ne a dirwa motsamaisi mme ka bonako a etelela setlhopha pele go fitlha kwa maemong a bone mo liking. O ne gape a tla etelela pele Miscellaneous go boela kwa Liking e Kgolwane le go folosa BR Highlanders pele ga a tsenela setlhopha se segolo sa Liki e Kgolo sa Township Rollers jaaka mothusa motsamaisi. Ka 2017 morago ga gore Mark Harrison a tsamaye mo bogareng jwa setlha Mpote o ne a tlhomiwa go dira setlha sotlhe mme a fenya Liki ya Botswana, mme a nna Motswana wa ntlha go dira jalo fa e sale ka Joseph Panene ka 2005. Le fa go ntse jalo, setlha se se latelang o ne a folosiwa go nna mothusa motsamaisi gape mme a tsamaya morago ga go thulana le Nikola Kavazoc[1]. O ne a tsenela setlhopha sa gagwe sa Premier League sa Orapa United, kwa tshimologong e le mothusa motsamaisi mme a tlhatlhosiwa go nna motsamaisi morago ga go tsamaya ga ga Bongani Mafu.[4]
Ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Motshameki
[fetola | Fetola Motswedi]Miscellaneous
- Botswana Second Division: 1
- 1978
Diamond Chiefs
- Botswana Second Division: 1
- 1985
- TASC
- 1990
Motsamaisi
[fetola | Fetola Motswedi]Township Rollers
Orapa United
- 2019-20
A le Mongwe
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 https://www.mmegi.bw/index.phpaid=76021&dir=2018/june/04
- ↑ http://www.dailynews.gov.bw/mobile/news-details.php?nid=43544&flag=
- ↑ http://www.dailynews.gov.bw/mobile/news-details.php?nid=36419&flag=
- ↑ http://www.mmegi.bw/index.phpaid=83338&dir=2019/november/04
- ↑ http://www.mmegi.bw/index.phpaid=83338&dir=2019/november/04