Jump to content

Mogwanto wa go ngala tiro kwa Scorpion Zinc ka 2008

Go tswa ko Wikipedia
Mmepe wa Namibia, kgaolo ya IKaras.

Mogwanto wa go ngala tiro kwa Skorpion Zinc ka 2008 e ne e le mogwanto wa babereki kgatlhanong le beng ba moepo wa Skorpion Zinc gaufi le toropo e e kwa borwa jwa Namibia ya Rosh Pinah kwa kgaolong ya IKaras. Skorpion Zinc ke moepo o motona wa zinc mo Aforika, wa borobabobedi ka botona mo lefatsheng ka bophara.[1] Mogwanto o o tsere lobaka lwa malatsi a a lesome le borobabongwe (go tswa ka Motsheganong a le lesome 2008 go tsena Motsheganong a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 2008), babereki ba ne ba fedisa mogwanto fa baeteledipele ba dumalana go tlhatlosa dituelo tsa bone ka lesome le bobedi mo lekgolong, le dituelo tsa go bereka go fetisa nako e e beilweng le ditlwatlhwatsa mesepele.[1] Babereki ba ne pele ba kopile tlhatloso dituelo ya lesome le bone mo lekgolong.[2] Mogwanto o o ne o enngwe nokeng ke lekgotla la babereki ba meepo la Namibia, le le neng le supa Skorpion Zinc ka monwana go bo ba na le tlhaolele ya lotso le mmala le go sa buisane sentle le babereki ba bone.[2][1]

Mogwanto o ne wa ama dipoelo go se kae fela, ka tiro ya letsatsi e le yone fela e latlhegileng mo mogwantong wa malatsi a a lesome le borobabongwe.[1]

  1. 1 2 3 4 Strike ends at Namibia's Skorpion Zinc mine in Reuters, 30 May 2008.
  2. 1 2 Namibia govt seeks to resolve Skorpion Zinc strike in Mining Weekly, 27 May 2008