Mokgatlho wa Matshelo a Bantsho
| Formation | Phukwi 2015 |
|---|---|
| Founded at | Cleveland, Ohio |
| Type | Coalition of activist organizations |
Membership | 50 organizations |
| Website | m4bl |
Mokgatlho wa Matshelo a Bantsho ( M4BL ) ke kopano ya ditlhopha di feta masome a matlhano tse di emetseng dikgatlhego tsa merafe ya Bantsho go ralala United States. [1] Maloko a akaretsa Neteweke ya Black Lives Matter, Khonferense ya Bosetšhaba ya Babueledi ba Bantsho, le Senthara ya Ditshwanelo tsa Botho ya Ella Baker . [2] Di tshegediwa ke ditlhopha tse di tshwanang le Mmala wa Phetogo, Lobelo lwa Pele, Setheo sa Mokgatlho wa Brooklyn, PolicyLink, Mogwanto wa Basadi ba le Dimilione Cleveland, le ONE DC, mme kopano e amogela ditlhaeletsano le tshegetso ya maano go tswa mo mokgatlhong o o bidiwang Blackbird.
Ka Phukwi ale masome a mabedi le bone, ka ngwaga wa 2015 mokgatlho ono o ne wa kopana la ntlha kwa Cleveland State University kwa balweladitshwanelo ba ba fa gare ga sekete le makgolo a matlhano le dikete tse pedi ba neng ba kokoane gone go tsaya karolo mo dipuisanong tse di bulegileng le ditshupetso. Kwa tshimologong khonferense e ne ya leka go "rulaganya ditsela tsa gore Mokgatlho wa Matshelo a Bantsho o rwadise tiragatso ya molao maikarabelo a ditiro tsa bona mo maemong a bosetšhaba". [3] [4] [5] Le fa go ntse jalo, khonferense eno e ne ya felela ka gore go tlhamiwe mokgatlho o o botlhokwa thata wa loago. Kwa bokhutlong jwa khonferense ya malatsi a le mararo, ka Phukwi a le masome a mabedi le borataro, Mokgatlho wa Matshelo a Bantsho o simolotse "thulaganyo ya ngwaga otlhe ya go bitsa ditlhopha tsa selegae le tsa bosetšhaba go tlhama United Front". [3] Thulaganyo e telele ya ngwaga ono e ne ya feleletsa e dirile gore go tlhomiwe serala sa mokgatlho se se tlhalosang maikaelelo, ditlhokego, le dipholisi tse Mokgatlho wa Matshelo a Bantsho o di tshegetsang gore go fitlhelelwe "kgololesego" ya merafe ya bantsho go ralala Amerika. [3] Morago ga polao ya ga George Floyd, M4BL e ne ya ntsha Molao wa BREATHE, o o neng o kopa gore go dirwe diphetogo tse ditona tsa molao tse di amanang le bopodisi . Molao motheo wa pholisi o akareditse dipitso tsa go tlogela tiro ya sepodisi le go beeletsa gape matlole ka tlhamalalo mo metsweding ya baagi le methale e mengwe ya tsibogelo ya tshoganyetso. [6] [7] Ka 2020, Mokgatlho wa Matshelo a Bantsho o ne wa golola dikopo tsa pholisi go tsibogela leroborobo la COVID-19 . [8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Newkirk, Vann R. II (August 3, 2016). "The Permanence of Black Lives Matter". The Atlantic.
- ↑ "About Us – The Movement for Black Lives". Movement for Black Lives. policy.m4bl.org. Archived from the original on May 2, 2019. Retrieved August 4, 2016.
- 1 2 3 "About Us – The Movement for Black Lives" (in en-US). Archived from the original on May 2, 2019. https://web.archive.org/web/20190502120213/https://policy.m4bl.org/about/.
- ↑ Morice, Jane (July 25, 2015). "Thousands of 'freedom fighters' in Cleveland for first national Black Lives Matter conference" (in en-US). https://www.cleveland.com/metro/index.ssf/2015/07/thousands_of_freedom_fighters.html.
- ↑ Bernard, Tanya Lucia (August 7, 2015). "The Movement for Black Lives Convening: An Offering of Love" (in en-US). http://www.theroot.com/the-movement-for-black-lives-convening-an-offering-of-1790860722.
- ↑ "Movement for Black Lives Seeks Sweeping Legislative Changes" (in en-US). 2020-07-07. https://www.nytimes.com/aponline/2020/07/07/us/ap-us-black-lives-matter-legislation.html.
- ↑ Byrd, Jessica (July 14, 2020). "The Genius of Resilience: Toward a New, Black National Convention". The Root. Retrieved 2020-07-18.
- ↑ Edwards, Breanna (March 31, 2020). "Movement For Black Lives Releases Policy Demands In Response To COVID-19". Essence. Retrieved April 24, 2020.