Jump to content

Molao wa Kgwebisano ya Makgoba wa 1807

Go tswa ko Wikipedia

Molao wa Kgwebisano ya Makgoba wa 1807 (47 Geo. 3 Sess. 1. c. 36), kana Molao wa go fedisiwa ga Kgwebisano ya Makgoba wa 1807,[1] e ne e le molao wa Palamente ya kwa ga Mmamosadinayana o o kganelang go gweba ka makgoba ga Atlantic kwa lefatsheng la Borithane. Le fa o ne o sa golole makgoba ka nako eo, o ne wa rotloetsa Borithane go gatelela mafatshe a mangwe go fedisa kgwebo ya one ya makgoba. O tsene mo tirisong ka Motsheganong a rogwa 1807, morago ga dingwaga di le lesome le boferabobedi tsa go leka go fetisa molaokakanyetso wa go fedisa bokgoba.[2]

Batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore molao o o tla fedisa bokgoba.[3] Bokgoba mo lefatsheng la Enyelane bo ne bo sa tshegediwa mo molaong wa Enyelane mme maemo ao a ne a tlhomamisiwa mo kgetsing ya ga Somerset ka 1772, fela bo ne jwa nna mo semolaong mo bontsing jwa Mmusomogolo wa Borithane go fitlha go fetisiwa ga Molao wa go Fedisa Bokgoba wa 1833 (3 & 4 Will. 4. c. 73).

[fetola | Fetola Motswedi]
Dihaka tse tsa leoto di dirisiwa go golega batho mo motseng. Gantsi mofuta ono wa dihaka tsa maoto o dirisiwa go golegwa bosigo jotlhe. Mogolegwa o ne a ka gatela pele fela ka go sutasuta. Fa mabanta a sena go bofelelwa mo dinaong, ke modiri wa tshipi fela yo o neng a ka a bofolola.

Mokwadi wa ditso wa Borithane e bong Martin Meredith o ne a kwala jaana: "Mo dingwageng tse di lesome tse di magareng ga 1791 le 1800, dikepe tsa Borithane di ne tsa tsaya maeto a ka nna sekete le makgolo a mararo le masome a mane go kgabaganya Lewatle la Atlantic, mme di ne tsa dira makgoba a ka nna dikete tse makgolo a mane. Magareng ga 1801 le 1807, ba ne ba tsaya ba bangwe ba le dikete tse makgolo a mabedi le masome a marataro le borataro. Kgwebo ya makgoba e ne ya nna nngwe ya dikgwebo tse di nang le poelo e kgolo kwa Borithane."[4]

William Wilberforce, moeteledipele wa letsholo la Borithane la go fedisa kgwebo ya bokgoba.
Henry Dundas, 1st Viscount Melville setshwantsho ka Sir Thomas Lawrence
Seetsele sa kgatlhanong le bokgoba sa Wedgwood se se neng se dirilwe e le karolo ya letsholo kgatlhanong le bokgoba ke Josiah Wedgwood, 1787.

Komiti ya go Fedisa Kgwebisano ya Makgoba e ne ya tlhamiwa ka 1787 ke setlhopha sa Baporotesetanta ba Evangelical English ba ba neng ba dirisana le Ba-Quaker, go kopana mo kganetsanong ya bone kgatlhanong le bokgoba le kgwebo ya makgoba. Ba-Quaker ba ne ba sa bolo go tsaya bokgoba e le boitsholo jo bo sa siamang e bile e le botlhoko mo bathong. Ka 1807 ditlhopha tsa ba ba batlang go fedisa bokgoba kwa Borithane di ne di na le setlhopha se segolo sa maloko a a nang le maikutlo a a tshwanang mo Palamenteng ya Borithane. Mo bogodimong jwa bone ba ne ba laola ditilo di le masome a mararo le botlhano go ya go masome a mane. E e neng e itsege jaaka "Baitshepi", kgolagano e ne e eteletswe pele ke yo o itsegeng thata wa ba ba kgatlhanong le kgwebo ya makgoba, William Wilberforce, yo o neng a tsere maikaelelo a go fedisa kgwebo ka 1787 morago ga go bala bosupi jwa gore Thomas Clarkson o ne a bo kgobokantse kgatlhanong le kgwebisano.[5] Maloko ano a Palamente a a ne a ineetseng a ne a na le phitlhelelo ya semolao ya James Stephen, morwarraagwe Wilberforce. Gantsi ba ne ba tsaya ntwa ya bone kgatlhanong le bokgoba e le ntwa e e tlhomilweng ke Modimo. Ka Sontaga, Phalane a le masome mabedi le borobabobedi, 1787, Wilberforce o ne a kwala mo bukeng ya gagwe: "Modimo Mothatayotlhe o beile fa pele ga me dilo tse pedi tse dikgolo, go fedisa kgwebo ya makgoba le go fetola mekgwa ya mekgwa."[6]

Ka Moranang a le gabedi ka 1792, William Wilberforce o ne a rotloetsa kakanyo kwa Ntlong ya Dikgosi "ya gore kgwebisano e e neng e dirwa ke babusiwa ba Borithane, ka maikaelelo wa go tsaya makgoba mo lebopong la Aforika, e tshwanetse go fedisiwa." O ne a tlhagisitse kakanyo e e tshwanang ka 1791, e e neng ya fenngwa ka tsela e e utlwalang ke maloko a palamente, ka tlhopho ya lekgolo le masome a marataro le boraro e e neng e le kgatlhanong, masome a ferabobedi le boferabobedi e e neng e e ema nokeng.[7] Henry Dundas o ne a seyo mo tlhophong eo, mme fa e ne e le fa pele ga maloko a palamente gape ka 1792, Dundas o ne a tlhagisa boikuelo go tswa kwa baaging ba Edinburgh ba ba neng ba rotloetsa go fedisiwa ga bokgoba.[8] O ne a tswelela go tlhomamisa tumalano ya gagwe ka molaomotheo le kakanyo ya ga Wilberforce: "Kgopolo ya me e ntse e le kgatlhanong le Kgwebisano ya Makgoba." Le fa go ntse jalo, o ne a bolela gore go tlhopha gore kgwebo e fedisiwe ka bonako ga go kitla go nna le matswela, ka gonne go ka se thibele bagwebi ba ba tswang kwa mafatsheng a maingwe go tsenelela go tsweledisa kgwebo e e neng e tlogetswe ke Maesemane. O boletse jaana: "kgwebisano e e tshwanetse go fedisiwa kwa bofelong, mme ka dikgato tse di magareng".[9] O ne a tsisa paakanyo e e neng e tla oketsa lefoko "ka iketlo" mo kakanyo ya ga Wilberforce. Tlhabololo e ne ya amogelwa, ba le lekgolo le masome a ferabongwe le metso e mebedi ba e rata, ba le lekgolo le masome a mabedi le botlhano ba e ganetsa. Kakanyo jaaka e baakantswe e ne ya fetisiwa ke makgolo mabedi le masome a mararo a a dumalanang, masome a ferabongwe le botlhano a e ganetsa.[10][11] Dundas o ne a gatelela gore go fedisiwa gope ga kgwebisano ya makgoba go tla tshwanelwa ke go ikaega ka tshegetso ya makgotla a semolao a bokolone jwa India Bophirima, le go tsenngwa mo tirisong ga melao e e amanang le go tokafatsa maemo a makgoba. Batho ba ba neng ba lwantshana le go fedisa kgwebo ya makgoba ba ne ba bolela gore dikopano tsa India Bophirima ga di kitla di tsamaya di tshegetsa dikgato tse di ntseng jalo, le gore go dira gore go fedisiwa ga kgwebo ya makgoba go ikaege ka diphetogo tsa bokolone go ne go tla baka tiego e e sa feleng.

  1. "Slave Trade Abolition Bill". Parliamentary Debates (Hansard). 10 February 1807. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  2. "Parliament abolishes the slave trade". UK Parliament. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  3. "Mar 2, 1807: Congress abolishes the African slave trade", This Day in History. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  4. Meredith, Martin (2014). The Fortunes of Africa. New York: PublicAffairs. pp. 191–194. ISBN 978-1-61039-635-6. E nopotswe ka Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  5. William Wilberforce (1759–1833). E nopotswe ka Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  6. Cox, Jeffrey (2008). The British Missionary Enterprise Since 1700. London: Routledge. p. 90. ISBN 978-0-415-09004-9. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  7. Cobbett, William, ed. (1817). "The Parliamentary History of England, From the Earliest Period to the Year 1803, Vol XXIX, (First Session of the Seventeenth Parliament; Second Session of the Seventeenth Parliament, 1791–1792), at 359. See also pp. 249–359". Bodleian Libraries. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  8. The Debate on a Motion for the Abolition of the Slave-trade, in the House of Commons, on Monday the Second of April, 1792, Reported in Detail, Great Britain, Parliament, House of Commons, p. 1. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.
  9. The Debate on a Motion for the Abolition of the Slave-trade on Monday the 2nd of April 1792, (supra) pp. 94–102
  10. The Debate on a Motion for the Abolition of the Slave-trade, in the House of Commons, Monday the Second of April, 1792: Reported in Detail. 1792. p. 169. E nopotswe Seetebosigo a ferabongwe ka 2025.
  11. The Debate on a Motion for the Abolition of the Slave-trade, in the House of Commons, Monday the Second of April, 1792: Reported in Detail. 1792. p. 169. E nopotswe Seetebosigo a ferabobedi ka 2025.