Jump to content

Molao wa kgololesego

Go tswa ko Wikipedia

Molao wa kgololesego e ne e le dintlha tsa boremelelo jwa bokopano jwa kgolagano jwa Aforika Borwa, jo bo neng bo akaretsa African national Congress (ANC) le ba ba dirisanang le bone ebong: South African Indian Congress, South African Congress of Democrats le Coloured People's Congress. O tshwaiwa ka kopo ya one ya ntlha ya, "batho ba tla a busa!".[1]

Segopotso sa molao kwa Kliptown

Morago ga kganetso e e marara ya molao wa batho basweu wa puso e e sa emeleng batho botlhe, le morago ga letsholo la kganetso la 1952, tiro ya go tlhama molao wa kgololesego bontlha jwa yone e ne e le tsibogela puso e e gatelelang e e neng e ikaeletse go emisa kganetso epe kwa ntle ga palamente.[2] Ka ngwaga wa 1955, lekgotla la ANC le ne la romela baithaopi ba le dikete di le masome a matlhano kwa makeišaneng le magae go kgobokanya dikopo tsa bone tsa kgololesego mo bathong ba Aforika Borwa. Tsamaiso e e ne e diretswe go fa batho ba Aforika borwa botlhe tekatekano ya ditshwanelo. Dikopo di tshwana le "go abelwa leaftshe batho botlhe ba ba senang lefatshe"", "dituelo le phokotso ya dioura tsa pereko", "thuto e e sa lopeng dituelo dipe ebile e patelediwa, go sa kgathalesege mmala, lotso kgotsa kwa motho a tswang teng" di ne di kwadilwe mo pampiring ya bofelo ke baeteledipele ba ANC ba akaretsa Z.K Mathews, Lionel "Rusty" Bernstein, Ethel Drus,[3] Ruth First le Alan Lipman (o mosadi wa gagwge Beata Lipman a kwadileng molao wa ntlha ka letsogo la gagwe).

Molao o ne wa amogelwa semmuso ka letsatsi la Tshipi, Seetebosigo a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 1955 kwa bokopanong jwa batho ba ka nna dikete di le tharo, jo bo itsegeng jaaka bokopano jwa batho kwa Kliptown, Soweto.[4][5][6] Bokopano bo ne jwa phatlaladiwa ke mapodisi ka letsatsi la bobedi, le ntwa ka nako eo molao o ne o setse o badilwe ka botlalo. Boidiidi jwa batho ba ba neng ba le koo ba ne ba amogela kgaolo nngwe le nngwe ka go kua ba re "Aforika" le "Mayibuye!",[7][8] Nelson Mandela o ne a falola mapodisi ka go ikaya e le motho o o isang mašhi kwa bathong, ka metsamao ya gagwe le dikamano di ne di ileditswe ka melao ya kiletso ya nako eo.[9]

Pampiri e e ne e tshwaya go ikhutsa mo ditirong tsa tlwaelo tsa tshokolo mo ditsong; e ne e sa tlhole e le letsholo la ditshwanelo tsa batho le batla go akarediwa mo dintlheng tse di leng teng tsa setšhaba, mme e gwetlha go fetolwa le go baakanngwa ga dintlha tsotlhe tsa setšhaba sa Aforika Borwa.[2] Pampiri e e lemogiwa ka go gwetlha Aforika Borwa o o sa lebeleleng lotso, mme se se ne sa sala e le serala sa ANC. Ka jalo, maloko a ANC a a neng a dumalana le Aforika a ne a tlogela ANC morago ga go dumalana le molao, ba tlhama bokopano jwa Aforika o o tshwaraganeng. Molao o o gwetlha gape puso ya batho ka batho le ditshwanelo tsa setho, go fetolwa ga molao wa lefatshe, ditshwanelo tsa pereko le bosetšhaba.

Morago ga bokopano bo sena go phatlaladiwa ka ntlha ya gore go ne go te ke go thankgola puso, puso ya Aforika Borwa e ne ya iletsa ANC ya tshwara balweladitshwanelo ba le lekgolo, masome a matlhano le borataro, ba akaretsa Mandela, ba ba neng ba ya go seka tsheko ya ngwaga wa 1956 ya go thankgola puso, e mo go yone botlhe ba neng ba gololwa. Molao o ne wa tswelela wa anama mo sephiring, wa baka dikokomane tse dišha tsa balwelakgololesego ba ba botlana ka dingwaga tsa 1980.[7]

Fa ANC e tsaya puso morago ga ditlhopho tsa puso ya batho ka batho tsa ngwaga wa 1994, molaomotheo o mošha wa Aforika Borwa o ne o akaretsa dikopo tse dintsi tsa molao wa kgololesego. O ne o rarabolola dikopo tsotlhe tsa tekatekano ya lotso le teme.

Pampiri ya ntlha e beilwe kwa Liliesleaf Fram, kwa jaanong e leng mabolokelo a ditso.[10]

Molao wa kgololesego

[fetola | Fetola Motswedi]

Rona, batho ba Aforika Borwa, re tlhomamisa gore lefatshe lotlhe le itse: gore Aforika Borwa ke wa botlhe ba ba nnang mo go ene, bantsho kgotsa basweu, le gore ga go na puso epe e e ka supang ketelelopele ntle le e ikaegile ka keletso ya batho botlhe; gore batho ba rona ba utswetswe tshwanelo ya matsalo ya lefatshe, kgololesego le kagiso ka puso e e tlhametsweng mo tshiamololong le go tlhoka tekatekano; gore lefatshe la rona ga le kitla le atlega kgotsa le gololesega go fitlhelela batho ba rona botlhe ba nna ka botsalano, ba akola ditshwanelo tse di lekalekanang le ditshono; gore lefatshe la puso ya batho ka batho fela, le le ikaegileng ka keletso ya batho botlhe, le ka sireletsa tshwanelo ya matsalo le sa farologanye mmala, lotso, bong kgotsa tumelo; ka jalo, rona, batho ba Aforika Borwa, basweu le bantsho mmogo - balekane, beng gae le bakaulengwe - re amogela molao o wa kgololesego. Re itlama gape go goga mmogo, re sa tlogele thata kgotsa bopelokgale, go filthelela diphetogo tsa puso fa di fenngwa.

Batho ba tlaa busa!

[fetola | Fetola Motswedi]

Monna le mosadi mongwe le mongwe o tlaa nna le tshwanelo ya go tlhopha le go ema jaaka ntlhopheng wa makgotla otlhe a a dirang molao;

batho botlhe ba tlaa nna le tshwanelo ya go tsaya karolo mo tsamaisong ya lefatshe;

Ditshwanelo tsa batho di tlaa tshwana; go sa kgathalesege lotso, mmala kgotsa bong;

Mekgatlho yotlhe ya dipalo tlase, makgotla a bogakolodi, dikhansele le babusi ba tlaa emelelwa ke makgotla a puso ya batho ka batho ya go ipusa.

Ditlhopha tsotlhe di tlaa nna le ditshwanelo tse di lekanang!

[fetola | Fetola Motswedi]

Go tlaa nna le tekatekano ya ditshwanelo mo pusong, kwa dikgotlatshekelong le kwa dikolong mo dilthopheng le ditso tsotlhe;

Batho botlhe ba tlaa nna le tshwanelo e e lekalekanang ya go dirisa diteme tsa bone, le go tlhama dingwao tsa bone;

Ditlhopha tsotlhe tsa lefatshe di tlaa sirelediwa ke molao kgatlhanong le go rogiwa ga merafe ya bone le go ipela ka lefatshe la bone;

Go bua le go dira tlhaolele ya lotso, mmala le lefatshe go tlaa otlhaiwa e le molato;

Melao yotlhe ya puso ya tlhaolele e tlaa seegelwa kwa thoko.

Batho ba tlaa akola khumo ya lefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Khumo ya lefatshe la rona, bossa jwa ma Aforika Borwa otlhe, bo tlaa busediwa batho;

Khumo ya ditswammung, dibanka le mohama wa mataese e tlaa neelwa batho   ka kakaretso;

Mehama e mengwe le dikgwebo di tlaa laolwa go thusa go tshela sentle ga batho;

Batho botlhe ba tlaa nna le ditshwanelo tse di lekanang tsa kgwebo kwa ba batlang teng, go dira le go tsenelela dikgwebo tsotlhe le ditiro tsotlhe.

Lefatshe le tlaa abelanwa ke ba ba le berekang!

[fetola | Fetola Motswedi]

Dikiletso tsa go nna le lefatshe ka lotso, di tlaa emisiwa, lefatshe le kgaoganngwe ba ba le berekelang, go fedisa leuba le tlala;

Lefatshe le tlaa thusa boesengmang ka dipeo, diterekere, le matamo go boloka mmu le go thusa ba ba lemang;

Kgololesego ya metsamao e tlaa neelwa botlhe ba ba berekang mo lefatsheng;

Botlhe ba tlaa nna le tshwanelo ya go nna mo lefatsheng kwa ba batlang teng;

Batho ba tlaa se ke ba tseelwe dikgomo tsa bone, ba patelediwe go bereka, le dikgolegelo tsa masimo di tlaa emisiwa.

Botlhe ba tlaa lekalekana fa pele ga molao!

Ga gona ope o o tlaa tshwarwang, a busediwa gae kgotsa a ilediwa a sa sekisiwa sentle;

Go isiwa kgolegelong e tlaa nna ga melato e e tlhwaafetseng fela kgatlhanong le batho, mme maikaelelo e tlaa nna thuto eseng ipusolosetso.

  1. anc.org.za (1955), Freedom Charter, ANC
  2. 1 2 "Significance of the Congress of the People and the Freedom Charter". South African History Online. 4 August 2016. Retrieved 31 July 2025
  3. Ethel Drus
  4. "The Freedom Charter is adopted in Kliptown". South African History Online. 4 August 2016. Retrieved 31 July 2025
  5. "Father of Freedom Charter dies", Johannesburg Star, 28-01-13
  6. Pillay, Gerald J. (1993). Voices of Liberation: Albert Lutuli. HSRC Press. pp. 82–91. ISBN 0-7969-1356-0.
  7. 1 2 Naomi Klein (2007). The Shock Doctrine. London: Penguin Group.
  8. The Mayibuye Uprising was part of the Defiance Campaign in 1952.
  9. Nelson Mandela (1994), Long Walk to Freedom, New York: Little, Brown and Company
  10. Steyn, Daniel (22 June 2022). "Question mark over future of historic Liliesleaf Farm". News24. Retrieved 31 July 2025.