Jump to content

Mongala

Go tswa ko Wikipedia
Mongala
Kgosi ya Bangwaketse
PredecessorMakaba I
SuccessorMoleta
Leso1770
MathataMoleta
RraagweMakaba I

Mongala (o o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1770) e ne e le kgosi ya BaNgwaketse ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabobedi. Go tlhaloganngwa fa e le moeteledipele wa Bangwaketse fa ba nna morafe o o ikemetseng go tswa mo morafeng wa Bakwena. Mongala o busitse go fitlhelela a bolawa mo ntweng kgatlhanong le Bakgwatlheng. O ne a tlhatlhamiwa ke morwa wa gagwe ebong Moleta.

Botshelo jwa gagwe jwa pele le puso ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mongala e ne e le morwa Makaba I. Makaba o supiwa fa e ne e le moeteledipele wa Bangwaketse o go neng go ganetsanwa ka ene, kgatlhanong le ntsalae Modutlwa. Ba ema nokeng ba ga Makaba ba ne ba fenya, mme lekgamu la ga Modutlwa morago la thibelela kwa Seoke (kwa e leng Lobatse gompieno.)[1]

Mongala o nnile kgosi morago ga loso lwa ga rraagwe, se se mo dira moeteledipele wa ntlha wa semmuso wa Bangwaketse ba ikemetse. Gantsi o tlhalosiwa e le kgosi e e neng ya etelela pele bangwaketse go tswa kwa kgotleng ya Bakwena go nna morafe o o ikemetseng, mme se gape se supiwa se dirilwe ke rraagwe le borragwe mogolwagolwane.[1] Mongala o itsege a ne a na le bana ba robabongwe:Moleta, Selohilwe, Monnanyana, Losabanyana, Moabi, Thankgwane, Tsima, Mokguthu le Mooki.[2]

Loso le go tlhatlhamiwa ga gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Malomaago Mongala ebong Tau, e ne e le moeteledipele wa morafe o mongwe mo kgaolong eo, Bakgwatlheng, ba Mongala a neng a ba fenya. ga go a nna le ntwa epe gareng ga merafe e mebedi e go fitlhelela ka ngwag wa 1770, morago ga gore ngwana wa ga moleta wa mosimane a gobatse wa ga Tau wa mosimane ebong Seeiso. Mongala o ne a etelela pele Bangwaketse go gwetlha Bakgwatlheng morago ga gore ba tshabele kwa Kgaolong yoo Tau.[3] Go bolelwa fa Mongala a ne a tla ka palo potlana fela ya banna.[4] O ne a tshwarwa mo ntweng e e latelang, kwa a neng a bolawa ka segai. O ne a tlhatlhamiwa ke morwa wa gagwe Moleta, o a neng a etelela pele tlhaselo e nngwe mo Bakgwatlheng, a senyakaka morafe wa bone go busolosetsa rraagwe.[3] Se se ne sa simolola kgolo ya sesole mo morafeng wa Bangwaketse, mo go neng ga baka gore morafe o o nne babusi ba kgaolo eo.

  1. 1 2 Schapera, I. (1942). "A Short History of the Bangwaketse". African Studies. 1 (1): 1–26. doi:10.1080/00020184208706566. ISSN 0002-0184.
  2. Schapera 1942, p. 27.
  3. 1 2 Schapera 1942, p. 2.
  4. 1 2 Ramsay, Jeff (2018-04-09). "House Of Ngwaketse (II) Kgosi Moleta". Mmegi. Retrieved 2025-09-22