Monicca Mochadi
| Monicca Mochadi Mopalamente | |
|---|---|
| Mopalamente wa kgaolo ya Limpopo | |
| Assumed office Motsheganong a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2019 | |
| Mokhanselara wa ditiro, ditsela le dipalamo | |
| In office Motsheganong a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2019 – Mopitlo a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 2020 | |
| Premier | Stan Mathabatha |
| Pele Ga Gagwe | Nandi Ndalane |
| Morago Ga Gagwe | Dickson Masemola |
| Ka Ga Ena | |
| Moagi Wa | mo Aforika Borwa |
| Mokgatlho | African National Congress |
Sekutu Monicca Mochadi ke mopoltiki wa kwa Aforika Borwa o a saleng a emela African National Congress (ANC) kwa kgaolong ya Limpopo fa e sale ka 2019. E ne e le mokhanselara wa Limpopo wa ditiro, ditsela le dikago go tswa ka Motsheganong 2019 go tsena Mopitlo 2020.
Ka Seetebosigo 2018, Mochadi o ne a tlhophiwa mo setlheng sa dingwaga ste nne e le leloko la komiti ya ANC kwa Limpopo.[1] Ngwaga o o latelang, o ne a le mo maemong a masome a mabedi le bobedi mo lenaaneng la ANC la kgaolo mo ditlhophong tsa 2019, a tlhophiwa go ya palamenteng ya Limpopo.[2] O ne a tlhophiwa gape go nna mokhanselara wa Limpopo ke Stan Mathabatha, moeteledipele wa nako eo wa Limpopo, o a neng a mo neela maemo a mokhanselara wa ditiro, ditsela le dikago.[3] Mo mameong ao, Mochadi o ne a lwantshana le dikhuti tse di mo ditseleng, a simolodisa letsholo la Operation Thiba Portholes e le bontlha jwa letsholo la go tokafatsa ditsela le dikago kwa kagolong eo.[4][5][6]
Mochadi o ne a kobiwa mo khanseleng ka Mopitlo a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 2020, ka tswakanyo ya ntlha ya ga Mathabatha ya makhanselara.[7] O ne a tswelela e le leloko fela. [2]Mme le fa go ntse jalo, kwa bokopanong jwa phathi jo bo latelang ka Seetebosigo 2022, o ne a retelelwa ke go tlhophiwa gape go ya komiting ya ANC kwa Limpopo.[8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Additionals on ANC's new provincial executive announced". Polokwane Observer. 26 June 2018. Retrieved 01 December 2025
- 1 2 "Sekutu Monicca Mochadi". People's Assembly. Retrieved 01 December 2025
- ↑ "Women dominate Stanley Mathabatha's cabinet". Sowetan. 23 May 2019. Retrieved 01 December 2025
- ↑ Nkgadima, Thomo (31 October 2019). "Limpopo Premier wages "war on potholes" – but only on Facebook". GroundUp News. Retrieved 01 December 2025
- ↑ Boshego, Desmond (31 October 2019). "MEC declares war on Limpopo potholes!". Daily Sun. Retrieved 01 December 2025
- ↑ Import, Pongrass (2 November 2019). "Operation Thiba declares war on potholes". Lowvelder. Retrieved 01 December 2025
- ↑ "Limpopo premier Mathabatha shuffles provincial cabinet, axes Monica Mochadi". The Citizen. 23 March 2020. Retrieved 01 December 2025
- ↑ Import, Pongrass (10 June 2022). "Smooth sailing at ANC Limpopo's 10th elective conference". Review. Retrieved 01 December 2025