Monique Séka
Monique Séka o tshotswe ka di 22 Ngwanatsele, 1965.[1] O ne a bidiwa mohumagadi wa mmino wa Afro-zouk mme ke moopedi go tswa kwa Ivory Coast. Mmino wa Afro-zouk wa ga Monique Seka o itsege thata kwa mafelong a a jaaka Ivory Coast, Afrika, Caribbean le Indian Ocean.[ 3]
kitso ka gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Séka o ne a simolola go kgatlhegela mmino a sa le monnye. Ke leloko la boraro la lelapa la mmino wa kwa Ivory Coast. Seka ke morwadia Seka Okoi, moopedi wa kwa Ivory Coast yo o neng a tumile thata ka bo1970. Seka o ne a rutwa ke rraagwe pele a tsenela RTI Orchestra. E ne e le ka yone nako eo a neng a simolola go leka go kopanya mmino wa zouk le morethetho go dira Afro Zouk, e leng motswako o o gakgamatsang le go gogela barati ba mmino ka nako e le nngwe. Mo magareng a bo1980, mmino wa kwa Caribbean o ne wa tsena mo mebarakeng ya lefatshe. Seka o ne a tsena mo mokgweng ono mme a golola alebamo ya gagwe ya ntlha "Tantie Affoué" ka 1985. Ka ngwaga wa 1989, o ne a saena tumalano ya go dira mmino wa gagwe le seopedi sa Cape Verdian, Manu Lima mme a golola alebamo ya gagwe ya "Missounwa". Motswako ono wa mmino wa zouk le morethetho wa Seaforika o ne wa fitlha le kwa ntle ga melelwane ya Afrika, mme o ne wa amogelwa ke babegadikgang le metswedi ya tshedimosetso. Kwa bokhutlong jwa 1992, o ne a kopana le Dominique Richard, mongwe wa batlhami ba Radio Sun, seteishene sa radio sa ntlha sa Afro-Caribbean se se neng sa bulwa kwa Lyon ka Phukwi 1993. Dominique o ne a nna motlhami le mogwebi wa gagwe. Ba ne ba nyalana ka March 31, 1995, mme morago ga go ntsha dialebamo di le mmalwa ba ne ba nna le ngwana wa mosetsana Carolyn Richard, yo o tshotsweng ka February 9, 1998. Ka 1994, o ne a boela gape kwa go Manu Lima go rulaganya alebamo ya gagwe e ntšha mme a boela mo nageng ka alebamo ya "Okaman". Dialbamo tsa gagwe tse di latelang di akaretsa "Adéba" ka 1997, "Yélélé" ka 1999 le "best of" tse dintsi tse di nang le ditlhogo tse dintšhwa: "Anthology" ka 1999, "15 years 15 success" ka 2003, "Obligada" ka 2005, jj. Katlego ya gagwe e dirile gore a tshegediwe ke baopedi ba le bantsi ba ba tswang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa mmino jaaka "Yaye Demin", pina e e neng ya atlega le Meiway.[ 2][1]
Dipina tsa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]diAlobums
- 1986 : Tantie affoué
- 1989 : Missounwa, Éditions C.B.H.
- 1995 : Okaman, Déclic
- 1997 : Adeba
- 1999 : Yelele, Sony Music
- 2000 : Anthologie
- 2003 : Best of Album, Créon Music
- 2005 : Obligada
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1]"Monique Séka". Music in Africa. Retrieved November 24, 2017.
[2]"Hommage à feu Okoua Séka Athanase : Monique Séka en attraction à Assuédji". Abidjan.net. Retrieved November 24, 2017.
[3]"La diva de la musique ivoirienne Monique Séka se confie : " J'ai peur des hommes "ses raisons | AbidjanTV.net". AbidjanTV.net. April 22, 2017. Retrieved November 24, 2017.