Moonchild Sanelly
Sanelisiwe Twisha (o tshotswe ka ngwaga wa 1987), [1] yo o itsegeng ka leina la Moonchild Sanelly [2] ke seopedi le motantshi wa Aforika Borwa. O itsege ka moriri wa gagwe o o kgethegilelng wa mmala o motala le mofuta wa gagwe wa mmino o o itlhametseng o o bidiwang "Future ghetto funk". [3] O tlholega kwa Port Elizabeth, seopedi seo se ne sa tlhagelela la ntlha mo lefelong la poko le mmino kwa Durban pele ga a fudugela kwa Johannesburg, kwa a tsweletseng tiro ya gagwe ya mmino teng.
Moonchild Sanelly |
|---|
Mmino wa gagwe o fitlheletse bareetsi ba ba kwa ntle ga melelwane ya Aforikaborwa, o tshameka mo meletlong e tshwana SXSW kwa Austin, kwa Texas [4] le Primavera Sound kwa Barcelona . [5] Ka kgwedi ya Phatwe ,ngwaga wa 2018, o ne a ya kwa Yuropa le setlhopha sa mmino wa hip hop sa Aforikaborwa sa Die Antwoord . [6]
Botshelo jwa pele le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Moonchild Sanelly o tsholetswe kwa Port Elizabeth, Aforikaborwa . O tsholetswe mo lelwapeng la mmino, morwarraagwe e le motlhagisi wa mmino wa hip hop, mmaagwe e le seopedi sa jazz, mme ditsala tsa gagwe e ledibini tsa mmino wa kwaito . [7]
O ne a fudugela kwa Durban ka ngwaga wa 2005 go ya go ithuta tsa go diaparo kwa Sekolong sa Botlhami sa Feshene sa Linea (Linea Fashion Design Academy ) mme a nna koo dingwaga di le thataro. [8]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2006, Sanelly o ne a simolola go diragatsa mo maitesong kwa sekolong se setona sa Durban (Durban University of Technology)a itebegantse thata le poko le mo hip hop, le fa tota a ne a sa ipitse mmoki ka nako e ntsi go fitlha a lemoga ditsibogo tsa batho. O ne a tlhagelela ka gantsi mo thulaganyong ya mafelo a beke mo seromamoweng sa Gagasi FM, e e bidiwang Poetry with King Siso . [9]Fa gare ga ngwaga wa 2020, o ne a baa monwana tumalano ya go gatisa le ba ba gatisang ba Transgressive Record. [10] Ka kgwedi ya Mopitlwe, ngwaga wa 2015, o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya moopelo e bidiang Rabulafa! le ba Transgresive Records. [11] Rabulafa! e ne ya dira gore a tlhophiwe kwa Dikadietseleng ya Mmino tsa Aforika Borwa tsa Ngwaga le Ngwaga tsa bo masome a mabedi le bobedi Alebamo e e Gaisang ya Mmino o Mongwe. Red Bull e ribolotse mmino wa gagwe ka EP e a neng a tlhagelela mo go yone le DJ Shimza, e e neng ya feleletsa e le karolo ya alebamo ya Soul Candi . [12] Ka ngwaga wa 2019, Sanelly o ne a tlhagelela mo alebamong ya ga Beyoncé ya The Lion King: The Gift mo pineng ya "My Power" ga mmgo le Busiswa le Nija. Go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga wa 2019, o ne a ntsha tiro ya gagwe ya mini alebamo ya dipina di le nne e e bidiwang Nude EP. [13] O dirile seabe se se tumileng mo Setsong sa Rona, pina ya ntlha mo alebamong ya ga Zingah ya ngwaga wa 2020. [14]
Ka ngwag wa 2020, o ne a tlhagelela gape mo alebamong ya JazziDisciples, 0303 mo pineng ya "Askies" [15] mme moragonyana mo pineng ya "With Love to an Ex", go tswa mo alebamong ya bosupa ya setudio ya Song Machine,Season One: Strange Timez. [16] [17]
Ka di kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le borobabongwe, ngwaga wa 2021, pina ya gagwe e le nngwe ya "Yebo Teacher" e ne ya gololwa. [18] O ne a rulaganyeditswe go tshwara lenaneo la Setshwantsho sa motshikinyego la Madness Method mo BET. [19]
O dirile kitsiso mo maranyaneng a Twitter ka karolo ya gagwe mo pineng ya FIFA 2022 . [20] Ka di kgwedi ya Phalane e rogwa ngwaga wa 2021, o ne a itsise ka pina ya gagwe e le nngwe ya "Demon" le Sadnightdynamite. [21] Pina e golotswe ka di kgwedi ya Phalane e tlhola gane ngwaga wa 2021, e na le motshameko wa mmino o o tsamayang le yone. [22]
Ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2022, Sanelly o ne a simolola tiro ya gagwe ya itlosobodutu jwa bagolo. [23]
Mo bofelong jwa kgwedi ya Mopitlwe ngwaga wa 2022, o ne a dira kitsiso ka alebamo ya gagwe ya bobedi ya Phases, e e neng e rulaganyeditswe go gololwa ka kgwedi ya Seetebosigo e le lesome. [24]
Ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2022, pina ya gagwe e le nngwe ya "Cute", e e nang le moopedi wa mmino wa repe wa Borithane Trillary Banks, e ne ya gololwa. [25]
Alebamo ya gagwe ya bobedi ya setudio ya Phases e ne ya gololwa ka kgwedi ya Seetebosigo e le lesome, ngwaga wa 2022. [26]
Go ela kwa bofelo jwa kgwedi ya Phalane, ngwaga wa 2024, Moonchild o ne a dira kitsiso ka alebamo ya gagwe e e tlang ya setudio ya Full Moon, e e neng ya gololwa ka kgwedi ya HIrikgong e le lesome, ngwaga wa 2025 ke Transgressive Records . [27] O ne gape a itsise ka loeto lwa gagwe le le tlang la kwa UK le Ireland, le le rulaganyeditsweng go simolola ka kgwedi ya Mopitlwe e tlhola ga tlhano, ngwaga wa 2025 kwa Manchester. [27]
Botaki
[fetola | Fetola Motswedi]
Mmino wa gagwe o kopanya dielemente tsa maranyane le tsa ditekeletso , afro-punk le edgy-pop le dintlha tsa botshelo jwa gagwe jwa pele gagwe , kwaito e e mashetla, hip hop le jazz. [28] Moonchild Sanelly o bonwa e le motho yo o ratang thobalano mme ga a ise a ke a tshabe go bontsha mmele wa gagwe kgotsa go bua ka thobalano. O fa dikgakololo tsa thobalano ka letsatsi la baratani a dirisa ditsebe tsa gagwe tsa maranyane [29] Mo potsolotsong le Basha Uhuru, o ne a ipitsa "Tautona wa go tlhotlheletsega ga basadi". [30]
Dikgwebo
[fetola | Fetola Motswedi]Moonchild Sanelly o na le letshwao la gagwe la diaparo le le bidiwang Moonchild Cultwear.[31] O na le lefelo la maetiso la Naked Club mme o tlhalositse sentle gore ga se lefelo la boaka.[32][33]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Sanelly ke MoXhosa mme o dirisa puo ya Sexhosa mo dipineng tse dintsi tsa gagwe.
Dibiosekopo
[fetola | Fetola Motswedi]Dialebamo tsa setudio
- Rabulafa! (2015)
- Phases (2022)
- Full Moon (2025)
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Moonchild Sanelly Songs, Albums, Reviews, Bio ..." AllMusic (in Sekgoa). Retrieved 2025-01-29.
- ↑ "32-year-old Moonchild survives malaria scare". dailysun. 12 October 2019. Retrieved 17 April 2020.
- ↑ Marunya, Kundai (8 September 2018). "SA act to headline Shoko Festival". The Herald. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ Darangwa, Shingai (26 February 2016). "5 hot African artists to look forward to at SXSW in Texas this year". Live SA. http://livemag.co.za/youth-culture-in-south-africa/music/4-hot-african-artists-sxsw-in-texas-this-year/. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ OkayAfrica (8 June 2016). "Soaking in the African Acts at Primavera Sound Festival". Okayafrica. https://www.okayafrica.com/primavera-sound.amp. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ Mathaba, Nosipho (13 July 2018). "Moonchild heads for Europe". Sowetan Live. https://www.sowetanlive.co.za/entertainment/2018-07-13-moonchild-heads-for-europe/. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ Staff Reporter (14 December 2014). "Singer Moonchild Sanelly reaches for the stars". Mail & Guardian.
- ↑ Nkoyana, Ayanda (19 February 2018). "As I long as I can remember. I grew up around music – Moonchild Sanelly". W24 Celebs. https://www.w24.co.za/PopCulture/Entertainment/Celebrity-gossip/as-i-long-as-i-can-remember-i-grew-up-around-music-moonchild-sanelly-20180219. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ Ferreira, Jonathan (13 July 2017). "In Studio: Moonchild Sanelly". Red Bull. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ Ntsinde, Mandisa (26 June 2020). "Moonchild Sanelly Signs To Transgressive Records, Releases "Bashiri"". Zkhiphani.
- ↑ "Rabulapha! Moonchild Sanelly". Apple Music. Retrieved 28 July 2021.
- ↑ Nkoyana, Ayanda (19 February 2018). "As I long as I can remember. I grew up around music – Moonchild Sanelly". W24 Celebs. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ "Moonchild Sanelly Nude EP". iminathi. 6 December 2019. Retrieved 6 December 2019.
- ↑ Jabulani, John (2020-05-02). "Zingah features Moonchild Sanelly In "Our Culture"". Ubetoo. Retrieved 2022-05-12.
- ↑ "Moonchild Sanelly Inspires Body Positivity while Promoting New Single Ft JazziDisciples "Askies"". SA Music Mag. April 2020. Retrieved 13 August 2020.
- ↑ Jabulani, John (2020-10-26). "Gorillaz enlists Moonchild for "With Love To An Ex"". Ubetoo. Retrieved 2022-05-12.
- ↑ "Moonchild Sanelly Features On Gorillaz's 'With Love To An Ex' | Hype Magazine". Hype Magazine. 2020-10-26. Retrieved 2022-05-12.
- ↑ "Moonchild Sanelly releases new single, Yebo Teacher | JustNje". JustNje. June 30, 2021. Archived from the original on June 30, 2022. Retrieved September 26, 2026.
- ↑ "Moonchild Sanelly to host new show". Sowetan LIVE. 28 July 2021.
- ↑ Adejoy (21 September 2021). "Moonchild Sanelly is featured on the FIFA 2022 soundtrack". Fakaza News. South Africa: Fakaza News.
- ↑ Bukola (1 October 2021). "Moonchild to drop new single, 'Demon' | Fakaza News". South Africa: Fakaza News.
- ↑ Shumba, Ano (2021-10-06). "Watch Moonchild Sanelly and Sad Night Dynamite's Demon video | Music In Africa". Music In Africa. Retrieved 2022-05-12.
- ↑ "Moonchild Is Officially Entering Adult Entertainment - ZAlebs". ZAlebs. 2022-02-22. Retrieved 2022-03-01.
- ↑ ""Moonchild Sanelly Announces New Album 'Phases' Out June 10 / New Single "Strip Club" Out Now - SA Music Magazine". SA Music Magazine. Retrieved 2022-03-24.
- ↑ Shumba, Ano (2022-05-11). "SA: Moonchild Sanelly features British rapper Trillary Banks in new single | Music In Africa". Music In Africa. Retrieved 2022-05-11.
- ↑ "Moonchild Sanelly Releases Her Sophomore Album, 'Phases'". The Native Mag. 2022-06-10. Retrieved 2022-06-15.
- 1 2 "SA: Moonchild Sanelly announces new album, UK and Ireland tour". Music in Africa. 2024-10-24. Retrieved 2024-10-24.
- ↑ Cite error: Invalid
<ref>tag; no text was provided for refs named "in studio". - ↑ "Moonchild on stardom, sex and having a stalker". https://www.timeslive.co.za/tshisa-live/tshisa-live/2018-02-13-moonchild-on-stardom-sex-and-having-a-stalker/.
- ↑ "Moonchild Sanelly Q&A – Sex positivity, singing in Xhonglish and Die Antwoord". Archived from the original on 10 November 2019. https://web.archive.org/web/20191110093650/http://bashauhuru.co.za/index.php/component/k2/moonchild-sanelly-q-a-sex-positivity-singing-in-xhonglish-and-die-antwoord.
- ↑ Mathebula, Kwanele (9 March 2018). "5 minutes with Moonchild Sanelly". Bona. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ Kekana, Chrizelda (15 November 2018). "Moonchild on naked club: It's not a brothel. There's no exchange of money for sex". Tshisa Live. Retrieved 5 February 2019.
- ↑ Khuzwayo, Charles (12 November 2018). "Moonchild Sanelly insists her Naked Club will not be a brothel". IOL. Retrieved 5 February 2019.