Mophato

Mophato ke sekolo sa basimane se se tlotlegang thata .Sekolo sa basimane bogologolo se ne se tlotlega thata ke batho botlhe lefatshe ka bophara .Basimane e ne e re fa batswa kwa komeng motse o ne o tsitsibana ka gonne go ne go tlotliwa se ba tswang go se dira kgotsa go se rutiwa kwa komeng . Kwa komeng bogologolo go ne go na le sephiri ebile basimane ba ne ba neelwa molao wa gore ba itshole jaang fa batswa kwa komeng le gore ba tswanetse go tlotla batsadi ba bone .
E ne e re fa ngwana a sa tlotle batsadi ba gagwe o ne a tsewa a isiwa kwa komeng gore atle aye go ithuta molaoo siameng , e ne e re fa ngwana atswa kwa komeng o ne atla a itlhaloganya ebile a tlotla batsadi ba gagwe le bo thamo bo seo a setse a thantse fa lemapo le le tsebeng .Bogologolo e ne e re fa basimane batswa komeng ba ne ba dula malatsi a le supa ba sa tsamaye mo motseng ,e ne e re fa motho a romiwa o ne a tsamaya ka thobane ya gagwe go ya kwa a romilweng teng go fitlhelela malatsi a gagwe a felela ,Basimane ba le bantsi ba tlhokaaletse kwa komeng ka ntlha ya gore batho ba le bantsi ba latela ditso di sele.
Koma ya se gompieno e farologane le koma ya segologolo ka gonne batho ba latlhile setso sa bona .Basimane ba gompieno ga ba tlotle batsadi ba bone ebile le barutabana ba ba nyatsa kwa sekolong ba ba bitsa ka maina a sa siamang ka ntlha ya gore ba re barutabna ga batswe komeng le baithuti mmogo jaaka bone ba ba tlhapaola ka dipuo tse di botlha e be morago ba rotloetsa gore le bona ba ye kwa komeng gore ba tshwane le bona .Basimane ba le bantsi ba tlogetse dikolo ebile ba dirisa diritibatsi gape ba nwa bojwalwa ga gona sepe se ba se dirang se se siameng mme ga e se bone botlhe ba ba dirang dilo tse di duleng mo tseleng bangwe ba bona ba itshotse sentle .[1]