Mopipi

Go tswa ko Wikipedia

Mopipi ke motse wa Botswana. O na le baagi ba le 3.066 (2001). Mopipi o mo kgaolwaneng ya Boteti e e mo kgaolong ya Legare. Mopipi o dikhilomithara di le masome a matlhano le bobedi go tswa mo toropong ya Orapa fa o ya ko Maun Motse o, o dikaganyeditswe ke Makgadikgadi a Nxai le Makgadikgadi. Makgadikgadi a go dumelwa gore a kile a bo e le matsha, mme ka go kgotlelesega ga tikologo metsi a kgala ga helela e le makgadikgadi a a letswai. Banni ba motse o, ba kile ba bo ba tshela ka tlhapi ka nako e Noka ya Boteti e neng e tshela.