Jump to content

Moporesidente wa ntlha wa motho montsho wa Aforika Borwa

Go tswa ko Wikipedia
Nelson Mandela kwa Gauteng, ka 13 Motsheganong 2008

Nelson Rolihlahla Mandela ke moporesidente wa ntlha wa motho montsho wa Aforika Borwa.[1] O nnile moporesidente ka 10 Motsheganong 1994, morago ga ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi ya Aforika Borwa. Lekoko la ga Mandela, la African National Congress (ANC), le neng la fenya ditlhopho tsa ntlha mo nageng ya Aforika Borwa mo batho ba merafe yotlhe ba neng ba kgona go tlhopha.[2] Aforika Borwa e ne e busiwa ke tsamaiso e e bidiwang tlhaolele e e neng e sa tshware batho bantsho sentle ka dingwaga di le dintsi. O ne a dira puso e e neng e na le baeteledipele ba ba tswang mo ditlhopheng tse di farologaneng go thusa mongwe le mongwe go dira mmogo.[3]

Selo sa ntlha se a neng a se dira

[fetola | Fetola Motswedi]

Mandela o ne a batla gore batho botlhe ba Aforika Borwa, go sa kgathalesege gore ke ba letso lefe, ba nne ditsala mme ba tshele ka kagiso.[3] O ne a tshegetsa setlhopha sa bosetšhaba sa motshameko wa setlhopha o o tshamekiwang ka bolo e e bopegileng jaaka lee, e e kgonang go ragiwa, ya ralwa mme ya fetisediwa go tswa mo seatleng sengwe go ya go se sengwe, le fa bontsi jwa batho ba bantsho ba ne ba sa rate motshameko oo. Seno se ne sa thusa gore naga e ikutlwe e le seoposengwe. Mandela o ne a tlhoma setlhopha se se neng se bidiwa khomišene ya boammaaruri le poelano. E ne ya dira gore batho ba bue boammaaruri ka dilo tse di sa siamang tse di neng tsa dirwa ka nako ya tlhaolele go thusa naga go fola le go itshwarelana.[3]

Go Thusa Batho le Naga

[fetola | Fetola Motswedi]

Mandela o ne a batla go aga botshelo jo bo botoka mo Aforika Borwa. Puso ya gagwe e simolotse leano le le bidiwang Reconstruction and Development Programme (RDP), e leng thulaganyo e e tlamelwang ka madi ke puso e e ikaeletseng go tlamela malapa a a nang le letseno le le kwa tlase ka matlo a a tlhwatlhwa e e kwa tlase. Thulaganyo eno e ne ya thusa gore go nne le ditiro, go agiwe matlo le gore go nne le metsi a a phepa le motlakase mo mafelong a a humanegileng. O ne batla gape le go tokafatsa boitekanelo le thuto. Go ne ga dirwa maiteko a magolo go aga dikokelo le dikolo gore mongwe le mongwe a kgone go bona tlhokomelo e e botoka ya boitekanelo le thuto.[3]

  1. https://www.britannica.com/biography/Nelson-Mandela/Incarceration#ref282997
  2. https://www.aljazeera.com/gallery/2023/7/18/mandela-south-africas-first-black-president
  3. 1 2 3 4 https://sahistory.org.za/article/nelson-mandela-presidency-1994-1999