Jump to content

Morafe wa Balete

Go tswa ko Wikipedia

Morafe wa Balete ke morafe o o kwa Borwa jwa Aforika.

Mo Botswana ba sale ba tsaya lefelo la sennela ruri fa e sale ka bo 1780, ba amogetswe semmuso jaaka tshireletso ya tlhabologo ka 1909. Ke bone fela mo merafeng e megolo e le borobabobedi e e seng ya batho ba Tswana. Ba santse ba na le Kgosi ya setso, kgotsa Kgosikgolo. Balete ba nna mo metseng ee mo Borwa jwa Botswana e e akaretsang Ramotswa, Gabane, Otse, Metsimotlhabe, Mogobane le Modipane.

Lenaane la dikgosi/Dikgosi

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Phatlê ( wa ko Tlhôgô le Tlou)[1]
  • Malete
  • Maphalaole
  • Mongatane
  • Maio
  • Kgomo
  • Mokgwê
  • Marumô
  • Pôwê ke Marumo
  • 1805 Mokgôjwe a Pôwê ( moomedi)
  • 1805–1830 Pôwê II wa Mokgôjwe (o tlhokafetse ka 1830)
  • 1830–1886 Mokgôsi I a Pôwê
  • 1886–1896 Ikaneng a Mokgôsi
  • 1896–1906 Mokgôsi II a Ikaneng
  • 1906–1917 Baitlotle a Ikaneng (moemedi)
  • 1917–1937 Seboko I a Mokgôsi
  • 1937–1945 Ketswerebothata a Mokgôsi (moemedi)
  • 1945–1966 Mokgôsi III a Seboko
  • 1966–1996 Kelemogile a Seboko (Kelemogile Mokgosi) moemedi
  • 1996–2001 Seboko II a Mokgôsi
  • 2001–2002 Tumelo a Seboko (moemedi)
  • 2002–gompieno Mosadi Seboko

Leboko la Balete (The Balete Poem)

[fetola | Fetola Motswedi]

Matebele a mantsho aga

ma masodi-a mphela (a mazulu a mphela)

A ga selala le namane letlhakoleng

di robaroba matlhakola

dia robile di satla go a lala

namane tse di naka di diobe

ere faere "gou!"di be dire "goo"

kgodumo...o e tshabele mogotlhong

more wa nare ga o lebalebelwe;

mutlwa gao tswane le lenaka, o

ka tlhomolwa.

mogatsa mmolaya nare o ya a batla seantlo

a sale gale. Barwa taola tsa mere

Barwa motlhana o tlhokile motsei

o jelwe ke magakabe le manong

Barwa kgodumo ya leselesele

Lwetse 1, 2012 e ne le tshimologo ya paka e ntšhwa mo morafeng wa Balete, jaaka o ne o tsosolosa ngwao ya one e e neng e sa dire sepe ya go simolola banna, Bogwera, ka fa tlase ga kaelo ya Kgosi ya one ya ntlha ya mosadi,Mosadi Seboko. Gareng ga ba ba simolodisitsweng go ne go na le makhanselara a le matlhano go tswa kwa Khanseleng ya Kgaolo ya Borwa Botlhaba – ba le babedi ba phathi ya Botswana Congress Party, ba bangwe ba le babedi ba phathi e e busang ya Botswana Democratic party le a le mongwe wa Botswana Movement for Democracy. Go bidiwa ga mophato o mošwa ‘Matsosa ngwao’ (Batsosolosi ba setso) ke Kgosi Seboko go ne ga tsamaisana le meletlo ya ngwaga le ngwaga ya letsatsi la bosetšhaba la setso. Tiragalo eno e ne ya ngoka maloko a setlhopha sa badipolomate go tswa kwa Mozambique, Nigeria, kwa Amerika, kwa UK le kwa Mokgatlhong wa Basadi ba China.[2]

Dikitsiso

[fetola | Fetola Motswedi]

World Statesmen website on political and administrative entities

  1. Ditirafalo tsa merafe ya Batswana
  2. "Sunday Standard - Online Edition". Archived from the original on 2013-02-18. Retrieved 2021-12-04