Morafe wa Batlhaping

Morafe wa Batlhaping ke mongwe wa merafe ya Batswana ba ba nnang kwa bokone jwa Kapa le bokone bophirima jwa Aforika Borwa. Leina Batlhaping fa le ranolwa ke "ba ba ratang tlhapi". Morago ga gore Barolong ba thibelele kwa lotshitshing lwa noka ya Vaal e e itsegeng jaaka Kolong, tlhapi e ne ya nna bontlha jwa dijo tsa bone tsa malatsi otlhe. Ka nako ya phudugo ya bone, Batlhaping ba ne ba kopana le morafe wa Korana wa Basarwa ka ngwaga wa 1750. Merafe e mebedi eo e ne ya thibelela mmogo. Go ne go na le ditlhaselo tsa ba morafe wa Ndebele tse di neng tsa baka gore Barolong ba le bantsi ba fudugele kwa bokone kwa e leng Ganyesa gompieno. Ba ba neng ba setse kwa morago ba ne ba sala ba itwela kgatlhanong le ba Ndebele ka jalo ba simolola go bidiwa ba ba saletseng go ja tlhapi, ka jalo se ya nna leina la bone. Se le fa go ntse jalo ga se ree gore ba ikemetse go tswa mo bathong ba morafe wa Barolong. "Tlhapi" ke lefoko le le rayang ditshide tsa metsi e seng sereto sa bone. Morafe o dirisa sekao sa tlhapi mo dieemong dingwe go ipharologanya le Barolong ba bangwe, le fa go ntse jalo ka e le Barolong, sereto sa bone ke Kudu e ka Setswana e leng Tholo. Ke sone se Barolong ba bitsanang ka lorato ba re "Tholo".
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Morafe wa Batlhaping o tswa mo kgaoganong ya Barolong, morafe wa Batswana o o tswang kwa ngwageng wa 1270. Barolong ba tsaya leina la bone mo moeteleding pele wa bone wa ntlha Morolong, leina le le rayang go betla mo Setswaneng, le raya o o betlang ka tshipi. Barolong ba ne ba setse ba aname le dinoka tsa Molopo le Modders ka nako e ba neng ba busiwa ke kgosi ya borobabobedi Modiboa. Puso ya ga kgosi wa Barolong wa borobabongwe Kgosi Tshesebe (go tswa ka ngwaga wa 1565 go tsena wa 1595) e ne ya itemogela phudugo ya setlhopha sa merafe e e mo ketelelong pele ya ga Kgosana Phuduhutshwana.