Jump to content

Morafe wa Bakwena

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Morafe wa Kwena)

Bakwena kgotsa Bakoena ("ba ba binang kwena") ke morafe o mogolo wa Sotho-Tswana mo Borwa jwa Aforika kafa tlase ga morafe wa Bantu ba Borwa. Ba ka fitlhelwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa borwa jwa Aforika jaaka kwa Lesotho, Botswana, Aforika Borwa le Eswatini. "Kwena" ke lefoko la Sesotho/Tswana/Sepedi le le rayang "kwena", kwena gape ke seano (seboko) sa bone.[1]

Losika/Tshika le Ditso

[fetola | Fetola Motswedi]

Lebutswapele la ntlha la letso la BaKwena, ebong Kwena, e ne e le setlogolo sa ga Masilo I, yo e neng e le Kgosi ya letso la Bahurutshe ka dingwaga tsa sekete , makgolo a mararo le masome a marataro (1360 CE).[2] Kwena le balatedi ba gagwe ba ne ba nna kana ba aga kwa Tebang, e jaanong e bidiwang Heidelberg.[3] Go tloga ka dingwaga tsa sekete le makgolo a matlhano (1500 CE), Bakwena ba ne ba simolola go anama mo kgaolong, go tswa kwa Nokeng ya Lekwa go ya kwa Kalahari (Botswana) go fitlha ba nna kwa Ntsoanatsatsi (lefatshe la tshimologo ya dikinane la batho ba Sotho-Tswana) le Bafokeng ka ngwaga wa sekete, makgolo a matlhano le masome a robabobedi (1580) CE.

Baeteledipele ba pele

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Kwena (malatsi ga a itsiwe)[4]
  • Phokotsea (malatsi gaitsiwe)[4]
  • Kgabo I (bofelo jwa lekgolo la lesome le bosupa la dingwaga)[5]
  • Tebele (bofelo jwa lekgolo la lesome le bosupa kgotsa tshimologo ya lekgolo la lesome le borobabobedi la dingwaga)[4]

Go Busa Ga Basotho

[fetola | Fetola Motswedi]
  • moeteledipele wa ntlha e ne e le Kgosi Napo.
  • Napo one a tlhatlhangwa ke morwae wa lebele ebong Motebang .
  • Motebang one a tlhatlhangwa ke morwae wa tsalo ebong Molemo .
  • Molemo one a tlhatlhangwa ke morwawe Tsoloane le Tsolo .
  • Tsholoane o ne a tsala mme a tlhatlhangwa ke morwawe Monaheng .
  • Monaheng o ne a tsala mme a tlhatlhangwa ke morwawe e bong Motloang .
  • Motloang o ne a tsala mme a tlhatlhangwa ke morwawe Peete .
  • Doc Mokoteli o ne a tsala mme a tlhatlhangwa ke morwawe Mokhachane .
  • Mokhachane o ne a tsala mme a tlhatlhangwa ke morwawe Moshoeshoe .
  • mme e tswela pele ho fihlela leloko la borena la Lesotho.

Tatelano ya go busa ya Batswana

[fetola | Fetola Motswedi]

Kgabo II o ne a etelela pele setlhopha se sennye sa Bakwena mme a kgabaganya noka ya Madikwe mme a tlhoma morafe mo mafatsheng a morafe wa Bakgatla (o totem ya one e neng e le tshwene e e pududu) e ba neng ba e leleka, Botswana wa segompieno. Ka ntlha ya go kgaogana, merafe e le mmalwa jaaka Ngwato le Ngwaketse.[6]

  • Maleke (tshimologo ya lekgolo la bo19 la dingwaga; mmusi)[7]
  • Tshosa (tshimologo ya lekgolo la bo19 la dingwaga; mmusi)[7]
  1. Rosenberg, Scott; Weisfelder, Richard F. (13 June 2013). Historical Dictionary of Lesotho. p. 45. ISBN 9780810879829.
  2. Eldredge, Elizabeth A. (2015). Kingdoms and Chiefdoms of Southeastern Africa: Oral Traditions and History ... p. 245. ISBN 9781580465144.
  3. Eldredge, Elizabeth A. (2015). Kingdoms and Chiefdoms of Southeastern Africa: Oral Traditions and History ... p. 245. ISBN 9781580465144.
  4. 1 2 3 4 Stevens 1975, p. 88.
  5. Morton & Ramsay 2018, Kgabo I (pre-1700)
  6. Schapera 1980
  7. 1 2 3 4 5 Schapera 1980, p. 84.
  8. Schapera 1980, pp. 83–84
  9. Morton & Ramsay 2018, Motswasele II (1785?–1821)
  10. Morton & Ramsay 2018, Sechele I (ca. 1810–1892).
  11. Morton & Ramsay 2018, Sebele I (ca. 1838–1911).
  12. 1 2 Morton & Ramsay 2018, Sechele II Kealeboga Sebele (1892–1939).
  13. Morton & Ramsay 2018, Kgari Sechele II (1904–1962)
  14. Morton & Ramsay 2018, Neale Sechele (1917–1985).
  15. Morton & Ramsay 2018, Bonewamang Padi Sechele (1926–1978).
  16. 1 2 Ramsay 1996, p. 80.
  17. Ramsay 1996, pp. 65, 80.
  • Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8