Morafe wa Wikipedia
Ponalo
Morafe wa Wikipedia, ba ba itsiweng mmogo kana ka bongwe jaaka Wikipedians(ba-Wikipidea), ke morafe wa mo inthaneteng wa baithaopi ba ba tlhamang dikwalo le go tlhokomela Wikipedia, e leng ensaetlolopedia ya mo inthaneteng . Badirisi ba Wikipedia ba ka nna ba ikaya e le karolo ya mokgatlho wa Wikipedia kgotsa ba se ka ba itsaya jalo, ke setlhopha sa lefatshe lotlhe sa baithaopi ba ba tsaang karolo mo ditirong tsa Wikipedia le mo mananeong a mangwe a a amanang le yone a a tsamaisiwang ke Mokgatlho wa Wikimedia .