Morafe wa Baherero
Baherero ke morafe wa batho ba setlhopha sa Bantu ba ba nnang mo dikarolong tsa Borwa jwa Aforika. Palo batho ya Namibia ya ngwaga wa ketepedi ,masome a mabedi le boraro (2023 )e supile fa batho ba le dikete dile lekgolo masome a supa le borobabobedi, makgolo a robabongwe,masome a robabobedi le bosupa (178,987) kwa lefatsheng leo ele Baherero. [1]Ba bua Seherero, puo ya se-Bantu. Le fa tota tota Baherero ba nna kwa Namibia, go nale bale mokawana ba ba nnang mo Botswana le Angola, le palo ee tsenang mo seatleng kwa Aforika Borwa. Baherero ba ba mo Botswana le Aforika Borwa ba gorogile teng ka ntlha ya phudugu ya ngwaga wa 1904-1908- e e bakilweng ke dikganyaolo tsa batho tse di ne di dirwa ke mmuso wa Jeremane.
Tshoboko
[fetola | Fetola Motswedi]Go farologana le Bantu ba eleng balemi ba go jela mo ganongo, baHerero bone ke barui gotswa go lowe. Ba itshetsa ka go rua kana go tlhokomela lerui. Maina a dikgomo aa dirisiwang ke barui baba farologaneng ba morafe o wa Bantu ,a supa gore badisa ba morafe o ba rekile dikgomo la bone kwa Cushitic kwa botlhaba jwa Aforika. Morago gago thibelela ga Bantu mo kgaolong ya Botlhaba jwa Aforika bangwe ba morafe o bane ba gasama le kgaolo ya Borwa. Bopaki jwa puo bo supa fela gore morafe o wa Bantu o tsere ngwao ya go gama dikgomo mo morafeng wa Cushitic , ele kago amana gago itsane kana ka mo morafeng wa Bakhoisan oo tsereng diphologolo tsa mogae le metlhala ya tlhokomelo mo bathon ba pele ba Chusitic
Lefa ntswa baHerero ba fitlhelwa mo Namibia gona le batho fela bale bantsi ba morafe o mo matsheng a Botswana le Angola. Mo Botswana Baherero ba fitlhelwa kwa Maun le dikgaolo tse di manapi. Mengwe ya metsana e e akeretsa Sepopa, Toromuja, Karee and Etsha. Bangwe ba morafe o ba fitlhelwa kwa Mahalapye, fa kwa Kgaolong ya BorwaBotlhaba ba fitlhelwa kwa Pilane. Gona gape le manotonyana mo Borwa jwa Kgalagadi ebong Tsabong,Omaweneno, Draaihoek le Makopong.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Archive copy" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2024-11-10. Retrieved 2025-07-29.
{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)