Jump to content

Moruakgomo Sechele

Go tswa ko Wikipedia
Moruakgomo Sechele
Tsalo1932 kgotsa 1934
Leso1979
Batsadi(s)Sebele II (Rraagwe) Susan (Mmaagwe)

Moruakgomo Sechele e ne e le ngwana wa ga kgosi Sebele II wa Bakwena o a neng a supa fa a tshwanetswe ke bogosi. Go itshupa fa a le kgosi ga gagwe go ne go enngwe nokeng thata ka ngwaga wa 1962, mme ntsalae ebong Bonewamang a ema kgatlhanong le ene. Tshwetso ya kgotlatshekelo e ne ya latofatsa bobedi bo le ntswa e ne e amogela se ba neng ba se bua.

Botshelo jwa a le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Moruakgomo Sechele o tsholetswe kwa Ghanzi, e le ngwana wa ga Sebele II, kgosi ya Bakwena e e neng e tshabile, le mosadi wa gagwe Susan.[1] Ngwaga ya gagwe ya matsalo go bigilwe fa e le 1932[1] kgotsa 1934.[2] Moruakgomo le monnawe Mokgalagadi e ne e le bone fela baja boswa ba ga Sebele ba basimane.[3] Ka ngwaga wa 1940, Moruakgomo le batsalwa le ene ba ne ba kolobediwa mo kerekeng ya Anglican kwa Molepolole.[4] Sebele o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 1939, lolwapa lwa gagwe lwa fudugela kwa Tlokweng kwa batsadi ba ga Susan ba neng ba nna teng.[1] Jaaka morwa kgosi e e neng e tshabile, Moruakgomo o ne a ipolela bogosi morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe.[2]

Go lwela bogosi

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa kgosi ya Bakwena kgosi Kgari Sechele II a sena go tlhokafala a sena mojaboswa ka ngwaga wa 1962, go ne ga nna le ntwa ya go neelana bogosi.[4] Moruakgomo ka rraagwe e ne e le kgosi ya pele, o ne a bonwa a na le tshwanelo.[1] Bontsi jwa morafe ba ne ba mo ema nokeng, ba itsege jaaka letsomane le letona.[4] Gareng ga bone e le kgosi ya  nakwana ebong Kenalekgosi le barwa Sechele II ba babedi ba ba neng ba santse ba le mo botshelong, MacIntyre le Mosarwa.[4]

Bonewamang o rraagwe ebong Padi a neng a tlodilwe mo bogosing, o ne a ema kgatlhanong le Moruakgomo.[1] Ba ba kgatlhanong le Moruakgomo ba ne ba sa rate gore mmaagwe e ne e le mosadi wa ditso tse di tlhakaneng, ba bo ba ipelaetsa gore Susan o ne a ise ke a nyalwe semmuso ke Sebele, se se mo dira nyatsi, ka jalo a ka se tshole mojaboswa.[5][6] Kgari o ne a kile a bua mafoko a pele fa a le kgosi, mme a ne a sena lepele le lemorago.[4] Ba ba kgatlhanong le ene gape ba ne ba tshaba gore go golela kgakala le Bakwena ga gagwe go tlaa nna le seabe mo bokgoning jwa gagwe jwa go busa le gore go letla ngwana wa lonyalo lwa lehuha go busa go tlaa nna matshosetsi mo lonyalong lwa Sekeresete.[6] Babusi ba kolone ya Britain, fa ba inola molao wa 1943 ba ne ba isa kgang e kwa kgotlatshekelong. Ka Tlhakole ngwaga wa 1963, e ne ya laola gore Moruakgomo ke ene a latelang mo bogosing, mme bobedi bo tlaa tlolwa bogosi jwa neelwa Neale Sechele go kgaola kgang.[7]

Moruakgomo o tlhokafetse ka ngwaga wa 1979.[2] Motsalwa le ene ebong Mokgalagadi o ne a simolola  ntwa ya semolao gore ba bonwe e le bone batkgatlhami ba bogosi ba ba tshwanetseng ka ngwaga wa 1999. Kealeboga e o neng e le morwa Mokgalagadi o ne a tsweledisa kgang e morago ga go tlhokafala ga ga Mokgalagadi ngwaga o o latelang, mme Kgari Sechele III o ne a nna kgosi ka ngwaga wa 2002.[8]

  1. 1 2 3 4 5 Mbuya, Titus (1999). "Legitimacy and Succession in Tswana States: The Case of BaKwena, 1930-1963". Pula: Botswana Journal of African Studies. 13 (1): 61–76.
  2. 1 2 3 Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). "Moruakgomo Sechele (1932–1979)". Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8.
  3. Ramsay 1996, p. 77.
  4. 1 2 3 4 5 Ramsay 1996, p. 78.
  5. Mbuya 1999, p. 72.
  6. 1 2 Ramsay 1996, pp. 78–79.
  7. Ramsay 1996, p. 79.
  8. Nyamnjoh, Francis B. (2003). "Chieftaincy and the Negotiation of Might and Right in Botswana Democracy". Journal of Contemporary African Studies. 21 (2): 233–250. doi:10.1080/02589000305447. ISSN 0258-9001.