Morula

Morula,[1] o itsegeng gape jaaka Marula ke mofuta wa setlhare se se fitlhelwang mo dikarolong dingwe tsa Porofense ya Bokone Bophirima le dikarolo tse dingwe tsa Aforika Borwa. Setlhare sena se golela kwa godimo le go nna bophara. Se na le leungo la sone le le lone le bidiwang Morula. Se fitlhelwa mo mafelong a tshwana le Zeerust le Rustenburg. Lefelo le tshwana le Rustenburg le na motse o teeletsweng ka setlhare sena oo bidiwang gotwe Moruleng. Motse ona o bidiwa Moruleng ka lebaka la gore go tletse ditlhare tsa morula mo go one.
Ditlhagiswa
[fetola | Fetola Motswedi]Leungo la Morula le itsege gape ka go dira mofuta wa bojwala wa Liquer o bidiwang Amarula. Amarula jaaka nnotagi e tumile mo Aforika Borwa le mafelo a tshwana le Brazil.
Morula gape o kgona go ntsha oli[2] e tumileng mo ditlhagisweng tse dingwe jaaka ditlhagiswa tsa go nolofatsa letlalo.