Jump to content

Mose Tjitendero

Go tswa ko Wikipedia

Mose Penaani Tjitendero (o o tshotsweng ka Morule a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 1943 a tlhokafala ka Moranang a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2006) e ne e le mopolotiki le morutuntshi wa ka Namibia. E ne e le motsamaisa dipuisano tsa palamente wa ntlha fa e sale ka boipuso ka Mopitlo a le masome mabedi le motso, go fitlhelela a ithola marapo ka 2004.

Botshelo jwa Pele le go tshaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Tjitendero ke MoHerero ka lotso[1] o tsholetswe kwa Okahandja ka Morule a le malatsi a a masome a mabedi le botlhano ngwaga wa 1943. O tsene sekolo se segolwane sa Augustineum [2]mme a seka a aloga. Mo boemong o ne a tshabela kwa Tanzania kwa a feditseng sekolo teng kwa Kurisini kwa Dar es Salaam. Morago o ne a ya kwa United States a ithuta kwa Lincoln kwa a alogileng ka 1972 ka BA mo go tsa ditso le sepolotiki, a ya gape kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa Massachussets Amherst kwa a neng a aloga ka master's degree wa ditso, ka 1977 a dira PhD.[3][4]

Tjitendero o ne a boa go tswa kwa United States ka 1976 a bereka e le morutuntshi mo lephateng la tlhabololo dithuto kwa United Nations Institute for Namibia kwa Lusaka, Zambia. O nnile le seabe mo dithulaganyong tsa seromamowa tsa lentswe la Namibia ka nako eo. Ka ngwaga wa 1982 o ne a tlhatlosiwa maemo go etelela pele lephatana la thutuntsho ya barutabana kwa sekolong seo, maemo a a nnileng mo go one go fitlhelela ka 1989. Morago ga boipuso jwa Namibia o ne a fudugela kwa Angola kwa a neng a etelela pele sekolo sa ithuto ya diatla.[3][4]

Tiro ya gagwe ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Tjitendero o ne a nna bontlha jwa SWAPO a santse a le mmotlana ebile e setse e le molweladitshwanelo ka dingwaga tsa 1960. Ka 1981  o ne a nna leloko la komiti ya legare ya phathi eo. O ne a nna motsamaisa dipuisano tsa palamente ya Namibia ka 1990,go fitlhelela a ithola marapo ka 2004.[5] Theo-Ben Gurirab o ne a mo tlhatlhama.[3]

Tjitendero o tlhokafetse ka Moranang a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2006 kwa Windhoek. O ne a supiwa fa e le mogaka wa lefatshe la Namibia a bolokwa kwa mabitleng a bagaka a Namibia kwa ntle ga toropokgolo.[6] O ne a nyetse Sandra, motshabi o mongwe wa kwa Namibia.[7]

  1. Isaacs, Denver (27 April 2006). "Dr Mose Tjitendero passes away". The Namibian.
  2. Hamutenya, Hidipo (8 May 2006). "A tribute to Dr Mose Tjitendero". The Namibian.
  3. 1 2 3 "Tjitendero, DR Mose Penaani". University of Namibia. Retrieved 08 October 2025.
  4. 1 2 "Tjitendero Mose Penaani". Parliament of Namibia. Retrieved08 October 2025.
  5. "Tjitendero Mose Penaani". www.parliament.na.
  6. The Decade of the 1970s". The Center for International Education. Archived from the original on 2 July 2012. Retrieved 08 October 2025
  7. "In memoriam: Sandra Tjitendero, woman of integrity". New Era. 10 August 2015.