Moses Katjiuongua
Moses Katjikuru Katjiuongua (o o tshotsweng ka Moranang a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1942 a tlhokafala ka Mopitlo a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2011) e ne e le mopolotiki wa kwa Namibia, tona mo pusong ya nakwana ya phetogo, leloko la palamente ya Namibia.
Botshelo jwa a le mmotlana, thuto le go tshaba
[fetola | Fetola Motswedi]Katjiuongua o tsene sekolo se sebotlana kwa Aminus, go tswa ka 1956 go tsena 1959 o ne a tsena kwa Swedish Confederation of Labour College kwa Bechuanaland (kwa e leng Botswana gompieno). Ditiro tsa gagwe tsa sepolotiki di ne di tsweletse ka nako e le nngwe le dithuto tsa gagwe. Morago ga go aloga, o ne a tshaba, a ya go bereka kwa South West African National Union (SWANU) kwa Cairo, Egypt. Go tswa ka 1961 go tsena 1962 o ne a ithutela bobega dikgang kwa Magdeburg, kwa botlhaba jwa Germany mo thusong ya madi ya SWANU.[1]
Katjiuongua o ne a kopana le Mao Zedong mo loetong go ya China morago ga 1963. Go tswa foo o ne a boela kwa Tanzania, gape go bereka kwa ofising ya SWANU.
Katjioungua gape o ne a na le BA mo sepolotiking le MA mo go tsa mafatshe, itsholelo le popego go tswa kwa Stockholm University e a e boneng a le o loetong gareng ga 1798 le 1980. O ne a tswelela a dira master's degree mo public administration kwa Carleton University kwa Ottawa Ontario, Canada.[2][3]
Go boela Namibia
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1982, Katjiuongua o ne a boela Namibia a nna tautona wa SWANU. Mo maemong ao, o ne a etelela pele setlhopha sa SWANU go ya bokopnaong jwa diphathi ka Lwetse 1983, mme phathi ya gagwe e ne ya kgaogana mo potsong ya boemedi. Bokopano jo bo neng bo biditswe ke ba baganetsi bo ne jwa mo golola mo maemong le ba ba mo emang nokeng mo komiting ya legare ya 1984. Se se ne sa nyenyafatsa seriti sa phathi.[3]
Ka Motsheganong a le lesome ngwaga wa 1985, o ne athapiwa go nna tona wa babereki, le botsogo mo palamenteng ya nakwana ya phetogo. O ne a emela ditlhopho tsa 1989 tsa pele ga boipuso e le moemedi wa National Patriotic Front (NPF) phathi e a neng a e tlhamile, e ne e le ene fela leloko la phathi eo le le fentseng ditlhopho. Mo ditlhophong tsa 1994 o ne a simolola Democratic Coalition of Namibia, e tlhatlhama NPF, a fenya gape e le ene fela wa phathi eo o o fentseng. Mo ditlhophong tsa 1999, DCN e ne ya retelelwa ke go fenya setilo. Katjiuongua o ne a phatlalatsa phathi ka 2003.[2][3]
Katjiuongua o ne a nyetse Rebecca Matjituavi. Ba ne ba na le bana ba le bane.[2]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Nunuhe, Magreth (9 March 2011). "Moses Katjiuongua is no more". New Era. Archived from the original on 11 January 2013. Retrieved 8 October 2025.
- 1 2 3 Sasman, Catherine (9 March 2011). "Katjiuongua dies". The Namibian. Archived from the original on 22 July 2011. Retrieved 8 October 2025
- 1 2 3 Rake, Alan (1992). Who's Who in Africa: Leaders for the 1990s. Metuchen, N.J., London: The Scarecrow Press INC