Mosetsanagape Mokomele-Mothibi
| Mosetsanagape Mokomele-Mothibi | |
|---|---|
| Mokhanselara wa ditlhabololo,bomme, bana le batho ba ba tshelang ka bogole kwa Bokone Bophirima | |
| In office Ngwanatsele a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2010 – Seetebosigo a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2013 | |
| Premier | Thandi Modise |
| Morago Ga Gagwe | Collen Maine |
| Ka Ga Ena | |
| Moagi Wa | mo Aforika Borwa |
| Mokgatlho | African National Congress |
Mosetsanagape Margaret Mokomele-Mothibi ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o a neng a emetse African National Congress (ANC) kwa palamenteng ya Bokone Bophirima go fitlhelela ka 2014, fa a ne a retelelwa ke go bona tlhopho gape. O berekile e le mokhanselara wa bokone bophirima wa ditlhabololo, bomme, bana le batho ba ba nang le bogole go tswa ka Ngwanatsele 2010 go tsena Seetebosigo 2013 ka fa tlase ga ga moeteledipele Thandi Modise. O ne a kobiwa mo khanseleng morago ga go dumalana gore o dirisitse madi a setshaba go tsenelela bokopano jwa masome mabedi le botlhano jwa ANC ka Morule 2012.
Tiro ya gagwe ya bopalamente
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ditlhopho tsa 2009,Mokomele-Mothibi o ne a tlhophiwa mo palamenteng ya Bokone Bophirima, a le mo maemong a masome mabedi le boraro a lenaane la ANC.[1] Ka Ngwanatsele a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2010, o ne a tlhophiwa kwa khanseleng ya Bokone Bophirima mo tswakanyong e kgolo ya ga Thandi Modise, o a neng a tlhatlhamile Maureen Modise e le moeteledipele wa Bokone Bophirima. Modise o ne a tlhoma Mokomele-Mothibi mo maemong a masha a tona wa ditlhabololo,bomme,bana le batho ba ba tshelang ka bogole.[2][3]
Ka Tlhakole 2013, Mokomele-Mothibi o ne a baka diphuduego tse dipotlana fa a ne a dumela fa pele ga komiti ya madi a setshaba gore o dirisitse madi a setshaba go tsenelela bokopano jwa masome matlhano le boraro kwa Mangaung ka Morule 2012. O ne a duetse dikete di le lekgolo, masome a supa le bone gore tsala ya gagwe le matona a mangwe a puso a kgone go ya bokopanong le go nna mo ntlong ya boroko e e gautshwane.[4] O ne a ikopa maitshwarelo a tshepisa fa a tlaa busa madi otlhe mo lobakeng lwa beke.[5] Democratic Alliance e ne ya kopa tlhotlhomiso ya sepodisi.[5]
Go dumela molato ga ga Mokomele-Mothibi go ne ga baka tlhotlhomiso ya gore o dirisitse maemo a gagwe botlhaswa, ka Seetebosigo a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2013, Modise o ne a mo koba mo khanseleg, a re puso e batla go tila go arabela tse di santseng di eme.[6] Ba bangwe ba ba neng ba kobiwa ke makhanselara a mabedi Louisa Mabe le China Dodovu, ba ba neng ba tlhageletse mo dikganngyeng tse pedi tse di farologaneng tsa tshenyo. Modise o ne a gatelela gore boraro joo bo dirile ditiro tsa bone ka tlhwaafalo ebile ga ba a bonwa molato ope.[6]
Mokomele-Mothibi o ne a fetsa sebaka sa gagwe sa khansele e le leloko la khansele ya kgaolo.[7] Mo ditlhoohong tsa 2014, o ne a le mo maemong a masome mabedi le botlhano a lenaabe la ANC, a retelelwa ke go tlhophiwa gape mo khanseleng ya kgaolo.[7]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "North West MPLs elected April 22". Politicsweb. 30 April 2009. Retrieved 24 November 2025
- ↑ "North West premier reshuffles provincial cabinet". The Mail & Guardian. 25 November 2010. Retrieved 24 November 2025
- ↑ "Cabinet reshuffle". South African Government. 25 November 2010. Retrieved 24 November 2025
- ↑ "MEC admits to misusing funds". News24. 20 February 2013. Retrieved 24 November 2025
- 1 2 "I wasted R174000 – MEC". Sowetan. 20 February 2013. Retrieved 24 November 2025
- 1 2 "Three axed in North West cabinet reshuffle". South African Government. 27 June 2013. Retrieved 24 November 2025
- 1 2 "Mosetsanagape Margaret Mokomele-Mothibi". People's Assembly. Retrieved 24 November 2025