Jump to content

Mosola wa moaparo wa setso

Go tswa ko Wikipedia
Moaparo wa setso

Moaparo wa setso o botlhokwa thata gonne o tlhalosa le go sedimosetsa ba ba ntsi nyana gore wena o wa leloko le le feng.Moaparo o,o dirilwe ka lerato ke bagolo ba bagolo ba rona go tlisa tshedimosetso seshweng gore ba ana eng go ya ka moaparo o wa setso.Se se dira gore o ikgantse ka kwa o tlhagang teng le go tlhaloganya sentle gore o ana eng goya ka mokgwa yo o apereng ka teng.Monate wa se ke gore,le bana ba ba tlhagang kwa morago ba kgona go ithuta le go tsweletsa se go tswa mo bagolong ba bona.Moaparo wa setso o tlotlegile tota gonne ga o apariwe fela,o apariwa ka kgwedi e e neetsweng eleng kgwedi ya borobonngwe mo ngwageng,le ka meletlo e e rileng.

Tota re nnile le lesego mo go se gonne moaparo o,o dirilwe ka lerato go leka go farologantsha badirisi.Tla re tsweleleng pele ka go apara moaparo o,go bontsha fa re ipela ka kwa re tlhagang teng.Tla re seka ra belaela sepe fa re setse re le mo go ona ka re itse gore o dirilwe ka lerato ebile o diretswe rona gore re o apare.[1]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.iosrjournals.org/iosr-jhss/papers/Vol.29-Issue12/Ser-2/A2912020104.pdf