Jump to content

Motheo wa Aforika

Go tswa ko Wikipedia

Motheo wa Aforika o tlhamilwe ka ngwaga wa 1807 mo rago ga gore batho ba Britain ba ba kgatlhanong le bokgoba ba atlege mo go fediseng kgwebo ya makgoba kwa United Kingdom. Motheo o o ne o tlhametswe go atlega fa kompone ya Sierra Leone e reteletsweng teng - go dira botshabelo jo bo tshelang, ebile bo tlhabologile jwa makgoba a a gololesegileng kwa Sierra Leone, kwa bophirima jwa Aforika. O ne o eteletswe pele ke James Stephen le William Wilberforce. Go tswa ka ngwaga ya 1823, tiro ya one e ne e dirwa ke lekgotla la kemiso le thibelo bokgoba mo dikgaolong tsotlhe tsa Britaon, mme o ne wa seka wa tlhola o nna teng gareng ga dingwaga tsa 1826 go tsena 1828.

Fa kompone ya Sierra Leone e lekileng go fetola batho ba bogologolo ka go abelana le bone mafoko a a molemo, motheo wa Aforika o ikaeletse go tokafatsa seelo sa botshelo kwa Freetwon pele.[1] Melao le melawana e ne ya akantshiwa kwa bokopanong jwa one ja ntlha ka ngwaga ya 1807, Moranang a le lesome le bone. Ntlha nngwe ya maikaelelo a one e ne e le go baakanya molato o ma Aforika a o itemogetseng mo kopanong ya bone le batho ba Europe.[2]

Baeteledipele ba motheo wa Aforika e ne e le James Stephen le William Wilberforce.[3] Kgosana ya Gloucester ebong setlogolo sa ga Kgosi George wa boraro, o ne a nna tautona wa ntlha wa motheo o,morago a kopanela le bateteledipele ba direkereke le ba maemo a a fa godimo.[4] Malwapa a badumedi a a eteletseng pele le one a ne a ema nokeng,[5] ga mmogo le lekalana la dikereke tse di kgatlhanong le boraro jwa Modimo, jaaka Peter Finch Martineau.[6]

  1. Thomas, p 140, note 15
  2. Rules and regulations of the African Institution. London: African Institution. 1807. Retrieved 01 August 2025. Tuke Sierra Leone.
  3. James Stuart Olson; Robert Shadle (1996). Historical Dictionary of the British Empire. Greenwood Publishing Group. p. 15. ISBN 978-0-313-29366-5.
  4. Thomas, Lamont D. Paul Cuffe: Black Entrepreneur and Pan-Africanist (Urbana and Chicago: University of Illinois Press, 1988) pp. 32–33
  5. Clare Midgley (2 August 2004). Women Against Slavery: The British Campaigns, 1780-1870. Routledge. p. 32. ISBN 978-1-134-79880-3.
  6. Ronalds, B.F. (February 2018). "Peter Finch Martineau and his Son". The Martineau Society Newsletter. 41: 10–19.