Jump to content

Mothusi wa pelege

Go tswa ko Wikipedia

Mothusi wa pelege

Motho, gantsi e seng ngaka ya pelegi e e koletsweng, yo o thapiwang go fa moimana kgakololo le thekgo nakong ya pelegi.[1]

Go Nna le Doula – Dikai Tsa Tona

Doula ke setsebi se se koetsweng mo ditabeng tsa pelegi, se se fang mosadi yo o moimana thekgo ya maikutlo, ya mmele, le ya thuto pele, nakong ya pelegi kgotsa fa a sena go belega. Maikaelelo a gagwe ke go thusa basadi go nna le pelegi e e bolokegileng, e e gakaletseng le e e ba nayang maatla.[2]

Gantsi lefoko "doula" le raya doula ya pelegi kgotsa mothusi wa pelegi, mme go nale le mefuta e mengwe jaaka antepartum doulas (pele ga pelegi) le postpartum doulas (fa a sena go belega). Fa e le gore go buiwa ka doula mo go latelang, go bolela thata ka doula ya pelegi. Doulas gape ba ka bidiwa balekane ba pelegi, ditsebi tsa thekgo ya pelegi, ditsebi tsa thuso ya pelegi, kgotsa bathusi ba pelegi[3].

Doula o dira eng

Kamano magareng ga doula le mosadi yo o moimana e simologa kgwedi di le mmalwa pele ga letsatsi la pelegi. Mo nakong eno, ba agela tswelelopele mo kamanong ya tshepo, kwa mosadi a ka botsang dipotso, a tlhalosa letsogo kgotsa matshwenyego, mme a tsaya karolo mo thulaganyong ya go dira leano la pelegi. Doulas ba ka abela mosadi kitsiso ka ditsela tse di ka fokotsang botlhoko le matshwenyego a pelegi, jaaka go tlotsa perineum (perineal massage).[4]

Ba bangwe ba tswa mo lefelong la bona ka nako tsotlhe go araba dipotso kgotsa go ema mosadi nokeng. Le fa ba sa neele tlhokomelo ya kalafi, ba na le kitso e e oketsegileng ka tsa pelegi le matsapa a kalafi a a ka dirwang.[5]

Mo nakong ya pelegi, doula o nna gaufi le mosadi ka dinako tsotlhe, a mo thusa ka ditsela tse di farologaneng tsa go fokotsa botlhoko, go akaretsa go hema ka tsela e e rileng, go iketlosa, go itlotsa ka di-massage, le ditulo tsa pelegi. Doula o rotloetsa balekane go tsaya karolo le go ema mosadi nokeng.[6]

Doula o nna advocate ya mosadi, a mo rotloetsa go latela dikeletso tsa gagwe tsa pelegi. Maikaelelo ke gore mosadi a bone pelegi e e bolokegileng le e e kgotsofatsang, e ka nna ya se nne le melemo kgotsa ya akaretsa cesarean.[7]

Fa pelegi e fela, doula o thusa mosadi go simolola go anyisa le go tlhama kgolagano ya maikutlo le lesea le lelapa.[8]


Go Batla Doula

Selo sa konokono ke go bona doula yo o ikutlwang o phuthologile le ene.[9]

Ditshupetso


Kozhimannil, K.B., Attanasio, L.B., Jou, J., Joarnt, L.K., Johnson, P.J. and Gjerdingen, D.K., 2014. Potential benefits of increased access to doula support during childbirth. The American journal of managed care, 20(8), p.e340.[10]

  1. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌
  2. Kozhimannil, K.B., Attanasio, L.B., Jou, J., Joarnt, L.K., Johnson, P.J. and Gjerdingen, D.K., 2014. Potential benefits of increased access to doula support during childbirth. The American journal of managed care, 20(8), p.e340.
  3. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌
  4. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌
  5. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌
  6. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌
  7. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌
  8. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌
  9. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌
  10. American Pregnancy Association (2019). Having a Doula - What are the Benefits? American Pregnancy Association. Available at: https://americanpregnancy.org/healthy-pregnancy/labor-and-birth/having-a-doula/. ‌