Motlhabeng

Motlhabeng ke karolo ya motse wa Gopane, mo Bokone Bophirima, Aforika Borwa. Motse wa Motlhabeng o gaufi le mollwane wa Aforika Borwa le Botswana. Baagi ba motse ona ke Bahurutshe baga Gopane, ba Bua setswana. Ba eteletswe pele ke Kgosi Lillian Gopane[1] Mo mmasepaleng ya Ramotshere Moiloa.[2] Motlhabeng o teeletswe ka Mofuta wa Mmu eleng 'Motlhaba'[3]
Hisetori
[fetola | Fetola Motswedi]Bokone Bophirama bone ba amogelwa jaaka leloko la Aforika Borwa morago ga mmuso wa tlhaolele. E ne ele ngwe ya metse ya Bophuthat tswana ka nako ya mmuso waga Rre Lucas Manyane Mangope. Ke motse mabapi le Motswedi kwa Mangope, o go nnang Bahurutsge Baga Manyane.[4]
Lefatshe
[fetola | Fetola Motswedi]Di-temperature di tloga go 17° go ya go 33 °C (64° go ya go 92 °F) ka selemo, mme go tloga go 3° go ya go 21 °C (37° go ya go 70 °F) ka mariga. Pula mo ngwageng ena dimilimitara dile 360 (360 mm) (go lekana le 14 in), bontsi ba pula e bo na ka dikgwedi tsa selemo, magareng ga Diphalane le Moranang.