Motloutse River
Noka ya Motloutse e e mo Botswana, ke noka e e tsenang ka noka ya Limpopo. Lefelo le le bophara jwa dikhilomethara tse 19,053 (7,356 sq mi). Letamo la Letsibogo mo Motloutse e agilwe go thusa toropo ya madirelo mo Selibe Phikwe le mahelo a a mabapi,a a nang le bokgoni jwa go ka nosediwa.[1]
| Motloutse River | |
|---|---|
| Setshwantsho:19053 | |
| Origin | Country |
| Mouth | 22°13′32″S 29°01′03″E / 22.225488°S 29.017614°ECoordinates: 22°13′32″S 29°01′03″E / 22.225488°S 29.017614°E |
| Location | Botswana |
Tikologo
[fetola | Fetola Motswedi]Fa go ne go dirwa dipatatlisiso mo lefelong leno ka Herikgong ngwaga wa 1989, pele ga go agiwa letamo, go ne ga bonwa mefuta e le lekgolo le masome a le mabedi a dinonyane, tse bontsi jwa tsone e neng ele tse dinnye tse di jang tshekenegi. Palo e kgolo ya dinonyane tsa metsi e ne ya bonwa ka ntlha ya go nna teng ga matamo a a sennela ruri mo nokeng ya Motloutse kwa tlase ga noka go tswa mo e kopanelang teng le noka ya Letlhakane. Mefuta ya dinonyane e ne e tlwalesegile mo kgaolong eo.[2]Pele ga letamo le agiwa,mefuta ele metlhano kgotsa go feta ya dithapi e ne e fudugela kwa godimo ga noka ya Limpopo e tsena mo go ya Motloutse fa gona le merwalela. Noka ya Letsibogo e ne e solofetswe go tshegetsa palo ya dithlapi tse di tshwanang tsa ko letamong la Shashe.[3]
Motswedi wa metsi
[fetola | Fetola Motswedi]Palogare ya pula ya ngwaga le ngwaga ke dimilimitara di le 430 (17 in), fa palogare ya kgonagalo ya mowafatso ya ngwaga le ngwaga e le dimilimitara di le 2,000 (79 in).[1]Ka ntlha ya pharologano e, noka ke noka ya motlhaba ya nakwana e e nang le kelelo ya boalogodimo fela ka paka ya dipula.[4] Pula le yona e farologana thata, ka fa tlase ga 40% ya palogare ya dipula tsa ngwaga le ngwaga tse di solofetsweng ngwaga o le mongwe mo go tse supa.[5] Palogare ya metsi a a elelang ka ngwaga ke dikhubikimitara di le 111 000 000 (3.9×109 cu ft).[1]
Metswedi ya ditswammung
[fetola | Fetola Motswedi]Meepo ya gauta go bapa le dinoka tsa Motloutse le Limpopo e simolotse ka bo 1200 CE, mo e ka nnang ka nako ya Great Zimbabwe e e neng ya tsoga go nna mmusomogolo wa kgaolo.[6]e ne ya fitlhelwa ka 1860 mo ditirong tsa bogologolo gaufi le Francistown, kwa bokone jwa noka, mme ya baka go tlhoka gauta ga ntlha go go nnye mo Aforika.[7]Diteemane tsa ntlha tse di netefaditsweng go bonwa mo Botswana e ne e le matlapa a mannye a le mararo a a ribolotsweng ka ngwaga wa 1959 ke lekgotla la Central African Selection Trust mo matlapeng a a kwa nokeng ya Motloutse gaufi le Foley Siding. Setlhopha se se neng sa bona ditaemane tseno se ne sa tlhatlhoba noka eno go fitlha kwa tlhogong ya yone, mme ga se a ka sa fitlhela motswedi ope o o ka tswang o tswa teng.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 FAO Subregional Office ... 2004
- ↑ Bevanger 1994, p. 12
- ↑ Bevanger 1994, p. 12
- ↑ Bevanger 1994, p. 3
- ↑ Bevanger 1994, p. 10
- ↑ Denbow & Thebe 2006, p. 27.
- ↑ Denbow & Thebe 2006, p. 29.
- Bevanger, Kjetil (December 1994). The North-South Carriér Water Project in Botswana (PDF). Trondheim. ISBN 82-426-0531-9. Retrieved 2012-09-17.
- Daniels, Dr Leon (September 2004). "First diamonds in Botswana". Rough Diamond Review. Retrieved 2012-09-17.
- Denbow, James Raymond; Thebe, Phenyo C. (2006). Culture And Customs of Botswana. Greenwood Publishing Group. ISBN 978-0-313-33178-7. Retrieved 2012-09-17.
- FAO Subregional Office for Southern and East Africa Harare (2004). "Drought impact mitigation and prevention in the Limpopo River Basin". FAO. Retrieved 2012-09-17.