Jump to content

Motsamai Mpho

Go tswa ko Wikipedia

Motsamai Keyecwe Mpho (3 Tlhakole 1921–28 Ngwanatsele 2012) e ne e le molweladitshwanelo le rapolotiki wa Motswana. O ne a tlhama lekoko la sepolotiki la ntlha mo Botswana, Botswana People's Party, le le neng le itsiwe e le Bechuanaland People's Party pele, a na le Klaas Motshidisi, Kgalemang Motsete, le Philip Matante. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya dikgotlhang mo gare ga lekoko, Mpho o ne a tswa mme a tlhama lekoko la Botswana Independence Party ka 1964. O ne a dira gape e le lekoko la Kokoano Bosetšhaba.[1] Badupaditso bangwe ba dumela fa Mpho e le ene motho wa ntlha go tsenya lefoko 'Botswana' mo puong ya sepolotiki, le sutisa lefoko la sekolone la Bechuanaland.[2]

O ne a nyala mosadi wa gagwe, Onalepelo Hannah Macheng, ka la bo 7 Phukwi 1960, a sa le kgolegelong kwa Pretoria ka lebaka la boferefere (treason) mo Aforika Borwa.[3]

Mpho e ne e le mongwe wa batho ba ntlha go opela pina ya setšhaba ya Botswana morago ga go boa kwa bokopanong jwa sePan-Africa kwa Ghana ka 1972.[4]

Mpho o tlhokafaletse kwa sepatleleng sa Princess Marina mo Botswana ka la bo 28 Ngwanatsele 2012.[5]

  1. Morton, Fred; Ramsay, Jeff; Mgadla, Part Themba (2008). Historical Dictionary of Botswana (4th ed.). Lanham, Md.: Scarecrow Press. p. 148. ISBN 0810854678.
  2. "Mmegi Online :: Motsamai Mpho turns 90". Mmegi Online. Retrieved 2018-01-14.
  3. "Motsamai Keyecwe Mpho (1921 - ) | The Presidency". www.thepresidency.gov.za. Retrieved 2018-01-14.
  4. "MOTSAMAI MPHO DIES | TheVoiceBW". thevoicebw.com. Retrieved 2018-01-14.
  5. "Motsamai Mpho Dies". The Voice. 1 December 2012. Retrieved 29 September 2016.