Motsana wa Bokspits

Go tswa ko Wikipedia
Motsana wa Bokspits is located in Botswana
Motsana wa Bokspits
Location of Bokspits

Bokspits ke motsana o o fitlhelwang mo kgalagadi mo Botswana. Ke motsana o o ko tlasetlase fa borwa jwa Botswana gape o fitlhelwa go bapa le mololwane wa Aferika Borwa. Bokspits o na le sekolo se se botlana le kokelwana. Mo palong bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mabedi le masome a borobobedi.

Banni ba kgalagadi ba lela ka Ditlhabololo[fetola | Fetola Motswedi]

Mopalamente wa Kgalagadi borwa, Rre Neo Moroka o sa tswa go lekodisa banni ba kgaolo eo ka kwelo tlase ya itsholelo ya lefatshe leno, a re ba nne pelotelele fa go na le ditlhabololo dingwe tse ba di solofeditsweng mme di sa diragadiwe.Fa a buisa diphuthegong tsa kgotla bosheng, Rre Moroka, e bileng e le tona ya papadi le madirlo, o boletse fa lefathse leno le ikaegile ka teemane e go tloga ka Phalane ngogola go fitlha gompieno e iseng e be e rekwe e le ka mabaka a ithsolelo e e ileng tlase ya mafatshe a a ntseng a e reka.A re puso ya lefatshe leno e eletsa go tlhabolola motse mongwe le mongwe, mme ka go ya tlase ga itsholelo ditlhabololo di tlaa diega.A re gape puso e bone gore go seka ga okediwa diphatlha tsa ditiro tsa puso gore bogolo go tladiwe tse di leng teng.O kopile badirela puso go somarela dithoto tse ba di tshwereng tsa puso, a re ba fokotse le yone mesepele e e sa tlhokafaleng.O ne gape a kopa baeteledipele ba maphata go dirisana fa go na le mosepele, ka a re go kopanelwe koloi fa e le gore mosepele o iwa golo go le gongwe.

Banni ba motse wa Staizedum, Bokspits le e mengwe bane ba lekodisa mopalamente ka tlhaelo ya barutana le megokgo mo dikoleng tsa bone, selo se ba reng se ka baka kwelo tlase mo dithutong tsa bana.Mo metseng e mengwe jaaka Gakhibane, Khawa, Khuis le e mengwe ba supile fa ba tlaa aswa ba bo a nyelela ka ntata ya lenyora ka metse ya one e aname thata mo e leng gore le fa khansele e dira maiteko a go ba tlisetsa metsi ka koloi ga a ba lekane, bogolo jang kwa dikoleng mo ngwana a kgonang go idibala go bo go tlhokwa le one a a ka mo kolobetsang leleme tota.Ba ne ba itsese mopalamente fa go na le sediba sengwe se ba se boneng sa nomore ya 9 437 se ba solofelang fa se na le metsi a a ka nowang, ka go rialo ba mo kopa go ba isetsa kopo ya sone kwa go ba ba lebaneng fa ba Kolonkwaneng bone ba supile fa ba bone sa nomore ya 7424.Mogolwane go tswa mo lephateng la thuto, Mme Modiegi Mmila o ne a itebaganya le tlhaelo ya barutabana a re mathata a ba kopanang nao mo lephateng ke go bo barutabana ba gana go tla mo kgaolong ya Kgalagadi le bone bana ba kgaolo tota, mme a solofetsa fa seemo sa tlhaelo ya barutana le megokgo mo dikoleng se tlaa siama mo bogaufing.Mopalamente o ne a akgola ba lephata la metsi ba khansele go bo ba sa ipone tsapa ka go nosa tshaba e e kanakana ka dikoloi, mme a ba kopa go oketsa metsi a ba a isang kwa dikoleng bogolo jang se segolwane gore bana ba kgone go tlhapa le go ja.

Kagao ya tsela e nale mathata[fetola | Fetola Motswedi]

Mothusa tona ya Ditiro le Dipalamo, rre Frank Ramsden, a re letlhoko la metsi mo kgaolong eno le bakile gore kago ya tsela ya Middlepits/Bokspits e boele kwa morago.Mogolwane wa tsa boitseanape jwa ditsela, rre Peter Crosslyn, a re sengwe gape se se bakileng gore go dirwa ga tsela eo go boele morago ke lebaka le ba le tsereng gore ba fiwe teseletso ya go epa mmu o ba o tlhokang le gone go batla mafelo a ba ka epang mo go one.A re ka ntlha ya seo ba saletse kwa morago ka dikgwedi di le 12, a re ba kgonne fela go ka dira 27% ya tsela ya go nna jalo, a re mme ba solofela gore e tlaa re kwa bokhutlong jwa ngwaga ono, ba kgone go bula ditselana dingwe gore batho ba kgone go di dirisa.E rile a akgela ka seemo sa tsela eo, rre Ramsden, a re ke nnete tsela eo ga e a siama ka jaana e na le dikhuti le motlhaba o montsi, mme a supa fa a na le tsholofelo ya gore badiri ba yone ba tlaa araba dilelo tsa batho ba kgaolo eo.A re kwa tshimologong ba ne ba lemoga gore metsi e ka nna mathata mo kagong ya tsela eo, a re go lebega fa kago ya tsela e tlaa boela kwa morago thata fa ba setse ba atumela motse wa Bokspits ka ntlha ya metsi.

Mo nakong eno, kompone e e dirang tsela eo, ya Grinaker LTA, e dirile tumalano le ba Aforika Borwa gore ba phunye sediba, ka jalo ba dirile didiba di le pedi go kgabaganya molelwane gaufi le motse kwa Gakhibana.E rile a bua ka kago ya tsela ya Tshabong-Middlepits, rre Ramsden o supile gore ba ne ba solofetse gore kago ya tsela eo e tlaa simololwa ka Moranang monongwaga, mme ga pala ka gore kompone e e neng e filwe tiro eo e ile ya oketsa ditlhotlhwa la bofelo, mme moo ga ba dira gore ba boele gape kwa baikopeding.E rile a itebagantse le matshwenyego a batho gore ke eng go simolotswe ka tsela ya Middlepits-Bokspits, e seng Tshabong-Middlepits, a re ditsela tseo di bona dithuso kwa makgotlaneng a a farologanyeng, a supa gore a tsela ya Middlepits-Bokspits, a gorogile pele.Kago ya tsela ya Middlepits-Bokspits e akanyeditswe gore e lope P200 million, mme go solofelwa gore e bo e fedile ngwaga o o tlang ka Phatwe.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Bokspits Kgalagadi District

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]