Motsana wa Sefophe

From Wikipedia
Jump to navigation Jump to search
Motsana wa Sefophe is located in Botswana
Location of Sefophe

Sefophe ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a mane mo borwa-botlhaba jwa toropo ya moepo ebong Selebi-Phikwe, mo dikhilomethareng tse di makgolo go nale molelwane wa lefatshe la Zimbabwe gape le wa lefatshe la Aferika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 3,139.

Polelo ya metsi lebutswapele[baakanya | edit source]

Ba ba goletseng mo motseng wa Sefophe o o mo kgaolong ya Bobirwa.fa o re ‘Ya met si’ ba tla a ne ba sale ba itsile gore o buwa ka mang, ka jaana motho o kare bontsifa e se botlhe banni ba motse o ha tsholetswe mo matlhong a gagwe. 0 alositse banna le basadi ba ba rweleng maikarabelo a motse wa bone ka magetla. Dingwaga tsa gagwe di ganetsa seemo se a leng mo go sone. 0 santse a kgona go itirela ditiro ka bontsi mo lelwapeng la gagwe.

Le ntswa tihogo ya gagwe e setse e le tshweu twaa! e kare o ne a rwele kgetsi ya phaletshe matlho a santse a bona sentle. sebe sa phiri fela ke kwa ditsebeng. Ga a sa tlhole a utlwa sentle motho wa maloba mme ka jalo fa o buwa le ene o tlamega go tlhatlosa lentswe gore le tie le kgone go utlwana. Mmele wa gagwe ga se e e fa e ba bongaka ba a tie ba reng ke e e tshabelelwang ke malwetsi. O fa gare ka seemo. O santse a itekanetse, o kgona go ema a bo a tsamaya ntle le thuso ya thobane. le ntswa yone e sa mo katoge. Koloti Basuti o tsholetswe kwa Sefophe ka ngwaga wa 1908, a tsalwa ke Scntlafe Suping mo kgotleng ya Star gone mo Sefophe. Motalaote ke ngwana wa borataro mo lelwapeng la bana ba le borobabobedi. Go setse ene fela ka jaana ba bangwe ba iketse badimong. Fa o buwa ka sekolo. Koloti kgotsa ‘Ya-metsi’ jaaka fa a bidiwa mo motseng, ga a itse gore o buwa ka eng. O tlhalositse fa e rile fela a sena go fatlhoga. a bo a sala medimo e e nko e metsi ya ga Rre-rragwe morago. O ne a gopola dingwaga tseo tsa gagwe tsa bonana jaaka e kare ditiragalo tsa teng di diragetse maabane fela jaana. A re ga a ke a lebala letsatsi le Khama wa ntlha a tlhokafetseng ka lone le mororo e ne e santse e le ngwanyana. “Tsatsing leo ke ne ke ile go disa dipodi mme ya re fela ke santse «; le kwa sekgweng, letsatsi la fifala mme go tloga foe r, ke ise ke tlhole ke itse gore kwa gae ke kae. Ke ne I. tloga ka tobatoba fa morago ga dipodi, ke beile fela rr go tsone gore di nkise gae ka gore ke ne ke timetse . tlhalosa jalo a ingatile ka ditshego.

Ke yone metlha eo e Koloti a neng a apara makgatx fa a disitse. O ne a rwala mpeetshane wa phatla ya kgorr mme gape a na le tse dingwe diaparo tse di ne di dirii’A; ka matlalo. A re e ne e re fa a disitse kwa sekgweng a r a tlhola a a ja maungo a naga le digwere mme e re a tser _ kwa gae maitsebowa a je bogobe jwa scbube. Koloti boletse fa a tswa kgakala ka go rata ngwao e bile a it-; dipina tse dintsi tsa setso ka jaana o ne a tla a re je-_ kgakge. fa a re thubegela ka leboko le le khutshwane A re morago ga gore a dise ka lobaka, o ne a tsena m nyalong e e boitshepo le Rre Basuti Phuti wa sika la bogosi jwa Sefophe mo kgotleng ya Mogwathe mme ka maswabi ga a gakologelwe gore ke ngwaga mang k^ jaana a ise a tsene sekolo. O ne a segofadiwa ka bana borobabobedi. banna ba le bararo le basadi ba le batlhan* mme ka maswabi go setse go hulere ba le babedi le rraabo. Koloti a re nako tseo di ne di le monate e le ruri mme a re o gakologelwa dingwaga tsa gagwe fa a ne a lema ka dikgomo ene le monnamogolo wa gagwe. “Ke ne ke tshwara mogoma go ne go sena mo go tweng o lema dibanka.”

A re nako tseo lefatshe le ne le le monate mme batho ba kgona go roba mabele a mantsi. a a boletseng fa a ne a bewa mo disigong. “Mabele a ne a bolokwa mo disigong tse ditona kwa kgosing a bolokelwa nako ya tlala le gore ngwaga o o tlaa bong o latela wa temo go nne le dipeo.” Botshelo bo ne bo tobetsega ka nako tseo ka gore ba ne ba sena leruo la go lema. ba ne ba fiwa dikgomo tsa mafisa gore ba ithuse ka tsone mme le bone ba iteka thata ka e ne e re di seo ba seke ba ipone tsapa mme ba ye majako.

A re o utlwisiwa botlhoko ebile o gakgamadiwa ke bo tlhoka tsebe jo bo apesitseng lefatshe malatsing ano. O ne a fa sekai ka nako e a reng bana ba ne ba apara makgabe fela mme o se kake wa utlwa gotwe go ntse le dipetelelo, ntswa bana ba basetsana ba ne ba nna fela mo sekgweng ba disitse. A tlatsa ka gore ene o belaela gore dilo tse go tweng dikhontomo (condoms) ke tsone di rotloetsang malwetsi a segompieno ka jaana batho ba sa le ba na le boitshwaro ka ba akanya gore ba

• reletsegile mme ke ka jalo bofafalele bo leng “• >ntsi ka teng. “Kana bogologolo malwetsi a ne

- nise a le teng. go ne go na le bo rasephiphi, losola. kankere le a mangwe mme malwetsi

- ulhe a ne a alafesega jaanong sebe sa phiri

• a lona basha ke gore lo a itoba mme bolwetsi -o jwelelele. Ke eng fa re ne re e nwa metsi ya mekorwana mme o se kake wa utlwa gotwe . i na le mathata?” a botsa jalo Ya metsi ka ■ -’tatlhego se apesitswe ke bohutsana mme gape e se gore o batla karabo.

“Ke godisitse ngwana wa ngwanaka.” a buwa jalo a ntlhoma matlho, “tsatsi le ke

- )balang ga ke batle ope a lela, ke alositse ;anong fa ba ka lela ba ka nkutlwisa botlhoko

thata.

Nna ke setse ke lapile mme ke batla go ikela badimong ke ye go ikhutsa.” Fa a buwa do ngwana wa gagwe wa monna a tlhalosa fa mme-mmagwe a sa bolo go itopela go ikela badimong dingwaga di ka nna tlhano tse di fetileng mme ka jaana thato ya Modirno e ise e diragale. ba santse ba na le ene. Koloti o boletse fa a alositse bana ba gagwe ka temo le leruo mme jaanong e le batsadi e bile ba na le dijarata tsa bone. Koloti yo o ipelafatsang ka gore o tswa kgakala ka go rata Modimo le kopelo ya sekeresete, le gompieno o ntse o tshwere ka mokgwa o le mongwe fela. lefa jaanong a nna le dingalo tsa go ya kerekeng ka a nna nako e ntsi kwa masimo le mongwe wa bana ba gagwe yo o mo tlhokomelang.

Ngwana wa gagwe a re mmaagwe o santse a kgona go tlhabeletsa mme fa a ise a wetse gore bolelela. ‘Ya metsi” a thunya ka sefela se a reng o se rata thata sa ‘Ditshaba tsotlhe tsa lefatshe …,’ “e ne e re fa ke rialo a bo ke teba-teba ke gopotse morena.” mme ka lemoga gore e le ruri mme yo e ne e le sethakga ebile e le mokereki wa nnete. Ya-metsi o tlhalositse fa a kereka kwa Apostle (One Nation) fa e sale dingwaga tsa bonana jwa gagwe mme ebile a tsofaletse mo go yone.

“Mme e ne e le mosadi wa thero le kopelo, le gompieno mo dintshong o santse a kgona go opela fela thata,” ga tlhalosa ngwana wa gagwe. Ke ne ka lemoga sengwe ka Ya-metsi le bana ba gagwe, go ne go na le mowa wa lerato fa gare ga motho le bana. ba sa mo felele pelo ebile go bonala gore go na le tomagano e e tiileng e e ka sekeng e kgaoganngwe ke ope.

Monana mongwe wa mo motseng yo o ipiditseng fela a re ke Thuso, a re ga gona sepe se se mo itumedisang jaaka go nna le botsadi jwa dingwaga le serodumo sa ga Ya Metsi mo motseng. “Ke motsadi wa mongwe le mongwe mo motseng mme re ba fa lerato gore re tie re kgone go nna le masego le matlhogonolo, gape ke na le tumelo ya gore ke dipilara tsa rona, ke bone ba tshwaragantseng motse o,”ga buwa jalo Thuso ka lentswe le le kwa tlase leo le a reng ke la kutlobotlhoko. Motho a ka ipotsa gore e tlaa re phularong ya letlhogo putswa le bangwe ba tlaa sala ba tshela jang ka jaana ba santse ba kwatabolotsa magokonyane a botshelo mo go ene.

Motalaote a re ka letsatsi la matsalo a morena ba ne ba opela dikhwaere le ba metse ya bo Mogapinyana bosigo jotlhe go itumelela botsalo jwa morena. “Go ne go sa tshwane le malatsi a gompieno a o fitlhelang bagolo le bannye ba itontela majalwa ba re ke gone jaaka ba itumelela malatsi a boikhutso. Rona re tshedile lebaka ka gore re ne re tlhokomela tempele (mmele) e ya Modimo re sa e tsenye dilo tse di botlhoko mme ke ka moo re okclcditsweng malatsinyana mo lefatsheng le le ka kwano.” Fa a latlhela tlhware legonnyana ka manyalo a malatsi ano a a sa berekeng, Ya Metsi o supile fa bomme ba malatsi ano ba batla go nna ditlhogo tsa malwapa e bile ba sena boikobo mo banneng ba bone mme ka jalo ditlhalo di nne dintsi.

A re banyalani ba tshwanetse go utlwana le go tlotlana gore ba tie ba kgone go emelelana le dikgwetlho tse ba tlaa kopanang le tsone fa ba ntse ba tshidile, le gone gore ba tie ba godise bana ba ba utlwang molao mo lelwapeng le le feletseng. 0 weditse ka gore bana ba tshwanetse go itse gore gatwe “tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a tie a okediwe mo lefatsheng.”

Dikgoge tsa kwa ntle[baakanya | edit source]

Botswana Sefophe


Dipadi tse dingwe.[baakanya | edit source]

Template:Botswana largest cities

Coordinates: 22°11′16″S 27°58′14″E / 22.18778°S 27.97056°E / -22.18778; 27.97056