Sojwe

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Motsana wa Sojwe)
Sojwe
Sojwe is located in Botswana
Sojwe
Sojwe
Location in Botswana
Coordinates: 23°26′19″S 25°45′44″E / 23.43861°S 25.76222°E / -23.43861; 25.76222
Country Botswana
DistrictKweneng District
Palo batho
 (2001)
 • Total2,056

Sojwe ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa batho di ne di le makgolokgolo a mabedi le,masome a matlhano le borataro.[1]

Kgagamatso ya molao[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Sojwe ba kopile puso go gagamatsa molao wa leruo fela jaaka wa diphologolo.Ba re seo se tlaa dira gore magodu a leruo a tseelwe dikgato tse di gagametseng.Banni ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Moeng Pheto, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo gore bogodu jwa leruo bo gakadiwa ke go bo babelaelwa ba letlelelwa go duela madi mangwe go letela ditsheko ba le kwa ntle.Ba re seo se rotloetsa magodu go tswelela a utswa leruo go le rekisa le go nna le madi a ba tlaa kgonang go batla babueledi ka one.Ba boletse gape fa madi a a lopiwang mo go bone go letela ditsheko ba le kwa ntle, a le mannye fela thata. Banni ba motse oo gape ba ngongoregile ka tlhaelo ya metsi mo motseng, ka jalo ba kopa khansele go atumetsa metsi kwa motseng oo gore batho ba kgone go a itsenyetsa mo malwapeng a bone.Kgosi ya motse oo, Rre Tlhabologang Hube, ene o kopile puso go thusa mapodisi a mmuso le a morafe kwa metseng ya magae ka dikoloi le go ba agela matlo.A re mapodisi a tlhaelelwa ke matlo a boroko mme seo se dira gore ba se ka ba dira tiro ya bone ka phuthulogo. O bile a kopa gore dikoloi tsa sepodisi di tsenngwe dirojaroja gore ba kgone go tlhaeletsanya fa ba latile dirukutlhi. Le fa go ntse jalo, Kgosi Hube o akgoletse mopalamente kemonokeng ya gagwe.E rile a itebaganya le dikgang tse di amang borukutlhi, mogolwane wa mapodisi a Sojwe, Sazi Mpinyane, a bolela fa molao motheo wa lefatshe leno o letlelela mongwe le mongwe go sekela kwa a batlang teng, fela fa a sa tsuolole ditshwanelo tsa batho ba bangwe.A re mme ke ka moo babelaelwa ba letlelelwang go letela ditsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo. O kopile barui go tlhokomela leruo la bone, e seng go baya tlhokomelo ya lone mo badiseng.Mo phuthegong eo, mopalamente o ne a lekodisa batho ba motse oo ka molawana o o tokafaditsweng wa dikoporase, tse a tlhalositseng fa bontsi jwa tsone di phutlhame ka ntata ya borukutlhi le go tlhoka tsamaiso e e siameng go tswa mo bodireding.A re maikaelelo ke go araba le go itebaganya le dikgwetlho tse dikoporase di lebaganeng natso.O ba boleletse fa lephata la papadi le madirelo le neetswe boikarabelo jwa go di tsamaisa.Mopalamente o boletse fa a sa itumedisiwe ke ka fa lenaneo la namola leuba le saletseng morago mo kgaolong eo ka teng, ka jaana go sale go tshelwa metlhaba le ditena mme go se na tema epe e e tswang.

Banni ba Sojwe ba kopa gore molao o akaretse majalwa otlhe[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Sojwe mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba, ba buile ka molao kakanyetso wa go fokotsa dinako tsa go bulwa le go tswalwa ga marekisetso a bojalwa ka megopolo e e farologaneng.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sojwe, Omphemetse Botsoba, o boletse fa dinako tse di akantsweng di siame, a dumalana le tsone, mme a bolela fa go tlogetswe dinako tsa ba ba rekisang chibuku le majalwa a Setswana.Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Moeng Pheto, kwa motseng oo.Botsoba o boletse fa bojalwa bo tsala dilo tse di maswe, a re banwi ba chibuku ba e nwa bosigo jotlhe le jone bojalwa ja Setswana, ba re morago ba dire dilo tse di seng mo tseleng ka e bile chibuku e rekwa ka madi a a kwa tlase.O boletse fa go tshwanetse ga tseelwa dikgato ba ba rekisetsang bana ba dikole bojalwa. Fa banni ba bangwe ba re bojalwa bo siame ke jone bo tshidisang ba ba sa berekeng ebile ba re go ka bo go gagamadiwa molao fela gore go tswalwe ka dinako tse di teng eseng go fokotsa, ba boletse fa jaanong borukutlhi bo tlaa gola ka bojalwa bo tlaa bo bo rekisiwa bosigo.Mo go tsa ditlhabololo tsa motse Botsoba o boletse fa batsadi ba sa thuse barutabana mo go kopaneleng bana. O boletse fa ba sa tsene dipitso tsa komiti ya batsadi le barutabana.A re barui mo kgaolong eo ga ba jese dikgomo tsa bone omang fa e se fela fa baya go rekisa. A re go jesa dikgomo go botlhokwa fela thata ka gore go fokotsa bogodu jwa leruo jo a boletseng bo ile magoletsa mo kgaolong eo.Botsoba o tlhalositse gape gore ba tlhobaetswa ke batho ba ba rekisang masimo a bone kwa Sojwe.O kopile ba lephata la banana go rutuntsha banan ba ba ntseng fela mo kotseng ba sa bereke gore le bone ba tle ba ikopele madi ba dire dikgwebo go tokafatsa matshelo a bone.E ne e rile go le pele Kgosi ya Sojwe, Kgosi Tlhabologang Hube, a ngongorega ka bogodu jwa leruo, a bolela fa bontsi jwa babelaelwa ba sa batle go sekela kwa makgotleng a Setswana ba siela kwa go bo mmakaseterata kwa ba itseng gore ba gololwa motlhofo fela.Kgosi Hube a re bogosi bo tshwanetse go kopana le bo mmakaseterata go buisana ka ditsheko tsa bogodu jwa leruo.Banni ba bangwe ba ngongoregile ka leruo le le senyang mo masimong a bone, ba bolela fa monongwaga ba ne ba lemile sentle mo dipuleng tse di namagadi jaanong sebe sa phiri e le barui ba ba sa tlhokomeleng.Pheto o ne a ba lekodisa ka bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhagogileng kwa kgaolong ya Bobirwa, mananeo a puso e a ntshitseng go thusa banana, molao kakanyetso wa go fokotsa dinako tsa go bula le go tswala marekisetso a bojalwa.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-10.