Jump to content

Motshameko wa Kgwele ya Dinao mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Kgwele ya dinao ke yone e ratwang thata mo Botswana. E rulagantswe ke Mokgatlho wa Kgwele ya Dinao wa Botswana.[1] Ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa dikete tse pedi le bosupa ( 2007), go ne go na le ditlhopha tsa banna di ka nna makgolo a mararo le masome a mane le borobabobedi tse di kwadisitsweng. Palo ya ditlhopha tsa basadi tse di rulagantsweng mo dikgaisanong tsa kgaolo ka setlha sa gwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le motso (2021) go ya ko ngwageng wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022) [2] ke masome a robabobedi le borobabobedi . Setlhopha sa bosetšhaba sa banna ga se ise se atlege ka tsela epe mo lebaleng. Setlhopha sa basadi se fitlheletse katlego e kgolo ka go tsenela Sejana sa Dinaga tsa Aforika ka lekgetlho la ntlha,[3]kwa ba fitlheletseng mo kgaisanong ya ntlha ya kgaisanyo. Go na le batshameki ba le mmalwa ba basimane le ba basetsana ba ba tshamekang kwa ntle ga naga ya bone, ba ba itsegeng thata ke ba ba tshamekang kwa pele Dipsy Selolwane.

Thulaganyo ya Lekgotla la Banna

[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le dikgaisano di le tharo tse dikgolo: Botswana Premier League (16 clubs), Botswana First Division North (12 clubs), le Botswana First Division South (12 clubs).

Thulaganyo ya Lekgotla la Basadi

[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le diligi di le mmalwa tsa kgaolo: Boteti Regional Women's League, Central North Women's League, Francistown Regional Women's League, Gaborone Women's League, Kgatleng Regional Women's League, Kweneng Regional Women's League, Nhabe Regional Women's League, Selebi Phikwe Regional Women's League, le Tswapong Regional Women's League.

Ditshimega tsa bone di tshamekela sereto sa mmampodi kwa DTCB Women's Football Championship Tournament. Double Action ke setlhopha se se gapileng rekoto ya go fenya mo kgaisanong ka diphenyo di le lesome le boraro tse di itsegeng. [4]Ba ne gape ba emela Botswana ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022) lekgetlo la bobedi kwa CAF Women's Champions League.[5]Ditlelapa di le dintsi di tshameka mo mafelong a botlhe kgotsa a dikolo.[6] Ka paka ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022) go dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023), kgwele ya basadi e na gape le motlamedi yo mogolo wa paka ya dingwaga di le tharo ka sebopego sa Diamond Trading Company Botswana (DTC).[7][8]

Setlhopha sa setšhaba sa Banna

[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhogo sa konokono: Botswana men's national football team

Setlhopha sa bosetšhaba sa banna se beilwe mo maemong a bo lekgolo le masome a mane le borobabobedi ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022).[9]

Setlhopha sa setšhaba sa basadi

[fetola | Fetola Motswedi]

Setlhogo sa konokono: Botswana women's national football team

Setlhopha sa bosetšhaba sa basadi se beilwe mo maemong a bo lekgolo le masome a matlhano le bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022).[9]

Palo ya ba ba neng ba le teng

[fetola | Fetola Motswedi]

Palogare ya ba ba neng ba le teng ka setlha sa motshameko wa kgwele ya dinao wa maemo a a kwa godimo le tlelapa e e nang le palogare e e kwa godimo ya ba ba neng ba le teng:

  1. ↑ "Botswana Football Association". Botswana Football Association. Archived from the original on 13 February 2007. Retrieved 10 August 2022.
  2. ↑ "Botswana (Women) 2021/22". RSSSF. Retrieved 10 August 2022
  3. ↑ cfeditoren (31 March 2022). "Need to nurture women in football". Botswana. Retrieved 10 August 2022.
  4. ↑ "Botswana - List of Women Champions". RSSSF. Retrieved 10 August 2022.
  5. ↑ "𝗗𝗢𝗨𝗕𝗟𝗘 𝗔𝗖𝗧𝗜𝗢𝗡 𝗧𝗢 𝗦𝗧𝗔𝗚𝗘 𝗦𝗛𝗢𝗪 𝗜𝗡 𝟮𝟬𝟮𝟮 𝗛𝗢𝗟𝗟𝗬𝗪𝗢𝗢𝗗𝗕𝗘𝗧𝗦 𝗖𝗢𝗦𝗔𝗙𝗔 𝗪𝗢𝗠𝗘𝗡𝗦 𝗖𝗛𝗔𝗠𝗣𝗜𝗢𝗡𝗦 𝗟𝗘𝗔𝗚𝗨𝗘". Botswana Football Association. 3 August 2022. Retrieved 10 August 2022.
  6. ↑ Room, Press (21 May 2022). "CAF league: A tall order for Botswana women football clubs". Botswana Journal. Retrieved 10 August 2022.
  7. ↑ "New dawn for women's football » TheVoiceBW". 9 November 2021. Archived from the original on 9 November 2021. Retrieved 10 August 2022.
  8. ↑ "DTCB Partners With BFA for the Growth Of Women's Football In Botswana – DTC Botswana". Retrieved 10 August 2022.
  9. 1 2 "FIFA". fifa.com. Retrieved 10 August 2022