Jump to content

Motshodi

Go tswa ko Wikipedia
Motshodi
Leso
Phuthadikobo
TitleKgosi ya Bakwena
PredecessorKgabo II
SuccessorMotswasele I
BanaLegojane
Batsadi(s)

Motshodi kgotsa Mochudi e ne e le kgosi ya morafe wa Bakwena. O ne a tlhatlhama rraagwe ebong Kgabo II, ene a tlhatlhamiwa ke ngwana wa ngwana wa gagwe ebong Motswasele I.

Motshodi e ne e le morwa Kgabo II, kgosi ya Bakwena.[1][2][3] Motshodi o ne a tlhatlhama rraagwe go nna kgosi, moitseanape wa ditso Isaac Schapera a re se se diragetse ka ngwaga wa 1740.[2] Go ya ka Schapera, Motshodi o eteletse pele Bakwena go ya Odi (kwa e leng kgaolo ya kgatleng gompieno), Mosweu, le Phuthadikobo.[2] Bangwaketse le Bangwato ba ka tswa ba kgaogane le Bakwena ka nako ya puso ya ga Motshodi.[2][4] Schapera o bolela fa Bangwaketse ba kgaogane fa ba le kwa Mosweu, mme Bangwato bone ba kgaogane kwa phelelong ya puso ya ga Motshodi.[2] Go ngangisanwa ka gore fa e le Kgabo II le Motshod ke mang o o eteleseng pele Bakwena go fitlhelela ka nako ya Botswana wa gompieno.[1][4]

Ngwana a ga Motshodi ebile e le mojaboswa wa gagwe, Legojane, o tlhokafetse ka nako ya Motshodi a santse a tshela. Go begwa fa Motshodi a ne a tshwara dingwaga tsa bogodi, ngwana wa ga Legojane ebong Motswasele a thusa Motshodi mo dingwageng tsa gagwe tsa bogodi.[5] Go ya ka Schapera, Motshodi o tlhokafaletse kwa Phuthadikobo ka ngwaga wa 1770, a bolokwa mo setlhareng sa mopipi, mme lefelo leo la fetolwa leina go tswa kwa Phuthadikobo go nna Motshodi e le go mo fa tlotla.[6] Motshodi o ne a tlhatlhamiwa ke Motswasele.[1][5]

Go ya ka motlhatlhelela dithuto tsa ditso Leonard Ngcongco, Kgabo le Motshodi ba ne ba tshela ka nako ya lekgolo la dingwaga di le lesome le bosupa eseng di le lesome le borobabobedi.[7] Ka Motshodi a ne a tlhatlhamiwa ke ngwana wa ngwana wa gagwe, ditshika tsa Motswana di tlhakatlhakantse dilo di akanyetsa fa Motshodi e le mogolowe Legojane eseng rraagwe.[8] Motshodi o kwadilwe gape e le Mochudi. Go ya ka Schapera, Motshodi o ne a bolelwa ke dikokomane tsa bokamoso fa e ne e ele kgosi e e siameng.[5]

  1. 1 2 3 Williamson, David (1977). Burke's Royal Families of the World. Vol. II: Africa & the Middle East. Burke's Peerage. ISBN 978-0-85011-029-6.
  2. 1 2 3 4 5 Schapera, Isaac (1980). "Notes on the Early History of the Kwena (Bakwena-bagaSechele)". Botswana Notes and Records. 12: 83–87. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980796.
  3. Okihiro, Gary Y. (1976). "Genealogical Research in Molepolole: A Report on Methodology". Botswana Notes and Records. 8: 47–62. ISSN 0525-5090. JSTOR 40979457.
  4. 1 2 Otlogetswe, Thapelo J. (2015). "Treatment of Spelling Variants in Setswana Monolingual Dictionaries". Lexikos. 25. doi:10.5788/25-1-1299.
  5. 1 2 3 Schapera 1980, pp. 83–84.
  6. Schapera 1980, pp. 83–84
  7. Ngcongco, Leonard D. (1979). "Origins of the Tswana". Pula: Botswana Journal of African Studies. 1 (2): 21–46. ISSN 0256-2316.
  8. Okihiro 1976, pp. 49–51