Jump to content

Motswasele I

Go tswa ko Wikipedia
Motswasele I
Leso1785
Shokwane
TitleKgosi ya Bakwena
Term1770 go tsena 1785
PredecessorMotshodi
SuccessorSeitlhamo
BanaSeitlhamo Monametse
Batsadi(s)

Motswasele I (yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1785) e ne e le kgosi ya Bakwena go tswa ka 1770 go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa 1790. O ne a tlhatlhama rraagwemogolo ebong Motshodi, mme ene a tlhatlhamiwa ke ngwana wa gagwe Seitlhamo.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Motswasele o tshotswe ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabobedi, gareng ga dingwaga tsa 1715 le 1745.[1] E ne e le morwa Legojane, e le ngwana wa ngwana wa ga Motshodi o e neng e le kgosi ya Bakwena.[2] Ditso tsa Bakwena tse di bolelwang ka molomo di bolela fa Motswasele e ne e le motho o o sa iponeng tsapa mo mesepeleng fa a sa ntse a le mmotlana ebile ke ene Mokwena wa ntlha go bona ma Yuropa.[1] Legojane o tlhokafetse pele ga ga Motshodi, se sa dira gore Motswasele e nne ene a latelang mo bogosing. Motswasele o ne a tsaya maikarabelo a go tlhokomela morafe fa Motshodi a tsofala, o ne a nna kgosi fa Motshodi a tlhokafala ka ngwaga wa 1770. O ne a etelela pele morafe go ya Shokwane le go ya Dithejane. Bakwena ba ne ba fenya Bangwaketse mo ntweng kwa Gookodisa.[2]

Polelo nngwe e bolela fa Mathiba e ne e le monnawe Motswasele, le gore Motswasele o ne a atlholela Mathiba loso go bo a fagotse dipoo ntle le teseletso ya gagwe. Go bolelwa fa erile ba kopana le Lesele, ba dumalana gore o ka tsaya mathiba a tsamaya ka ene. Ba ema nokeng ba ga Mathiba ba ne ba tsamaya le ene, se sa kgaoganya Bangwato le Bakwena.[3][4] Polelo e, e ganediwa ke dipego tse dingwe tsa gore Mathiba e ne e le mojaboswa wa Bangwato o a neng a nna le Bakwena go fitlhelela a nna dingwaga tse di mo letlang go boela gae.[5]

Loso le go tlhatlhamiwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Motswasele o tlhokafetse ka ngwaga wa 1785.[4][6] Ka nako eo, bakwena ba ne ba boetse Shokwane. O ne a tlhatlhamiwa ke morwaagwe Seitlhamo.[2] Motswasele o ne a na le ngwana o mongwe wa mosimane, Monametse, o a neng a seka a nna kgosi.[6]

  1. 1 2 Parsons, N. (1997). "Makgowa, Mahaletsela, and Maburu: traders and travellers before c.1820". Pula: Botswana Journal of African Studies. 16 (1): 30–42. ISSN 0256-2316.
  2. 1 2 3 Schapera, I (1980). "Notes on the early history of the Kwena (Bakwena-bagaSechele)". Botswana Notes and Records. 12: 83–87. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980796.
  3. Mpotokwane, James (1974). "A Short History of the Bahurutshe of King Motebele, Senior Son of King Mohurutshe". Botswana Notes and Records. 6: 37–45. ISSN 0525-5090. JSTOR 40959208.
  4. 1 2 Schapera, I. (1970). "The Early History of the Khurutshe". Botswana Notes and Records. 2: 1–5. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980755.
  5. Mpotokwane 1974, p. 44n2
  6. 1 2 Williamson, David (1977). Burke's Royal Families of the World. Vol. II: Africa & the Middle East. Burke's Peerage. ISBN 978-0-85011-029-6