Motswasele II
Motswasele II | |
|---|---|
| Leso | 1821 |
| Title | Kgosi ya Bakwena |
| Term | 1805 - 1821 |
| Predecessor | Tshosa |
| Successor | Sechele I |
| Batsadi(s) |
|
Motswasele II (o o tlhokafetseng ka ngwaga wa 1821) e ne e le kgosi ya Bakwena go tswa ka ngwaga wa 1805 go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa 1821.
Motswasele e ne e le mongwe wa bana ba basimane ba bararo ba ga kgosi Legwale, ene le Segokotlo le Molese.[1] Legwale o tlhokafetse pele ga Motswasele a ka gola, ka jalo motsalwa le Legwale, ebong Maleke, o ne a tshwarelela, mme morago motsalwa le ene o mongwe, Tshosa a tshwarelela bogosi fa Maleke a sena go tlhokafala. Motswasele o nnile kgosi fa Tshosa a mo rolela maemo ka ngwaga wa 1805.[1]
Motswasele o ne a itemogela ditlhaselo go tswa mo morafeng wa Bangwaketse moragonyana ga a sena go nna kgosi, se sa mo gwetlha go tsalana le Kgafela.[2] Fa Bakwena ba ne ba gotlhagotlhana le Babirwa, Motswasele o ne a berekisana le Seletlo, a nyala ngwana wa kgosi ya Seletlo. O ne a nna le ngwana wa mosimane le ene a bidiwa Kgosidintsi.[2]
Kamano ya ntlha ya Bakwena le ma Yuropa e diragetse mo pusong ya ga Motswasele.[1] O ne a amogela letsholo le le neng le eteletswe pele ke Goddard Edrward Donovan le Andrew Cowan ka ngwaga wa 1808. Ba ne ba mo fa dimpho tsa dijana le dikomoki tsa Yuropa, tse a neng a ka di dirisa e le bosupi jwa gore o kopane le batho ba Yuropa. Bakwena ba ne ba sa itse ditiro tsa matsogo tsa ma Yuropa, ka jalo go nna le le dilwana tseo ga ga Motswaselel go ne ga baka gore a bonwe e le modimo wa motse.[3]
Puso ya ga Motswasele e ne e supiwa ka kgotlhang mo morafeng wa Bakwena.[1] Mo pusong ya gagwe yotlhe, o ne a gapa dijalo, dikgomo le basadi ba morafe wa gagwe, o ne a dirisa thata kotlhao ya thupa. Kgotlhang le Motswasele e ne ya baka gore ba kgotla ya Maoto ba kgaogane le morafe wa Bakwena go nna bontlha jwa Bangwaketse. Go ne go bonagala e kete Motswasele o ne a rata tlhogo ya kgotla ya Maoto ebong Motshebe, ka jalo baganetsi ba ga Motshebe ba ne ba itlhophela go re ba seka ba bolelela Motshebe fa a bidiwa. Motswasele o ne a tsibogela go tlhoka go nna teng ga ga Motshebe ka go romela masole a a thapilweng kwa lolwapeng lwa gagwe, mme Motshebe a tshabisa batho ba gagwe mo morafeng.[2]
Moruakgomo, morwa Tshosa, o ne a sa rate go bo rraagwe a dirile Motswasele kgosi. O ne a tsiboga ka go idisa Motswasele ba ema nokeng ba gagwe, a mo gwetlha go ba otlhaa, gore ba tshephe ene. Morago ga go nna le kemo nokeng ya morafe, Moruakgomo o ne a loga segwenegwene le motsalwa le Motswasele ebong Segokotlo go bolaya Motswasele. Mo maikgantshong a gagwe, Motswasele o ne a tlhokomologa di tsiboso ka leano le. Fa a tswa kwa bokopanong kwa Shokwane ka ngwaga wa 1821 kwa a neng a tshwaentse go ago bolaiwa teng, o ne a salwa morago ke monna a tshotse selepe, mme monna o a mmolaya.O ne a bolokwa mo lefelong le a bolaetsweng mo go lone.[2] Morago ga loso lwa ga Motswasele, morafe wa Bakwena o ne wa kgaogana ka Moruakgomo le Segokotlo ba ne ba eteletse pele makgamu a bone.[4] Se se ne sa salwa morago ke dikgotlhang tsa Difaqane pele ga Bakwena ba kopanngwa mo pusong ya ga Sechele I.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 Schapera, I (1980). "Notes on the Early History of the Kwena (Bakwena-bagaSechele)". Botswana Notes and Records. 12: 83–87. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980796.
- 1 2 3 4 Schapera 1980, p. 85.
- ↑ Schapera 1980, pp. 84–85.
- ↑ Schapera 1980, p. 86.
- ↑ Okihiro, Gary Y. (1973). "Resistance and Accommodation: baKwena—baGasechele 1842—52". Botswana Notes and Records. 5: 104–116. ISSN 0525-5090. JSTOR 40979382.