Motsweding FM
Motsweding FM ke seteišene sa seromamowa sa SABC se se fitlhelwang mo Mahikeng, Aforika Borwa, se gantsi se gasang ka teme ya Setswana. Seteišene se, se ka pele se neng se itsewe ka leina la Radio Tswana, se gape se gasang lefatshe ka bophara, le ungwilwe ke tirelo ya Bophuthatswana Broadcasting Corporation, e neng e direla mo Mmabatho, mo legaeng le kileng la bo e le Bophuthatswana.
Motsweding e tshameka mmino e mefutafuta, mo go thusang go oketsa palo ya bareetsi mo lefatshela la dingwao di le dintsi tsa Aforika Borwa. Ka nako nngwe le nngwe, tatelano ya Hip Hop, Pop, Soft Rock, le House, e ka salwa morago ke Simphiwe Dana kana Madonna, ya bo ya wetswa ke Freshlyground kgotsa Mo'Molemi.
Godimo ga seo, Motsweding e na le mananeo a dipuisano, tse mo go batsamaisa-tiro ba akgelang mo ditirafalong tsa letsatsi le dikgang tse dingwe tsa go ama babui ba teme ya Setswana.[1]
Dinako tsa kgaso
[fetola | Fetola Motswedi]Motsweding e gasa oura le oura, 'tsatsi le 'tsatsi.[2]
Dipalo tsa boreetsi
[fetola | Fetola Motswedi]Palo-kakanyetso ya boreetsi[3]
[fetola | Fetola Motswedi]| Kgwedi | Malatsi a 'supa | Mos. – Labotlh. |
|---|---|---|
| Motsheganong 2013 | 3 162 000 | 1 746 000 |
| Tlhakole 2013 | 3 204 000 | 1 765 000 |
| Sedimonthole 2012 | 3 141 000 | 1 774 000 |
| Phalane 2012 | 3 182 000 | 1 817 000 |
| Phatwe 2012 | 3 251 000 | 1 869 000 |
| Seetebosigo 2012 | 3 180 000 | 1 841 000 |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Motsweding FM - live". www.radio-south-africa.co.za. Retrieved 1 December 2025.
- ↑ The Annual Guide to Radio in South Africa (AdVantage 2012). Media 24. 2012.
- ↑ SAARF RAMS (Presentations)