Moud Goba
Moud Goba | |
|---|---|
| Tsalo | |
| Lephata | Micro Rainbow International
Gay Afrika UK Black Pride |
| O fetheletse | Seetsele sa Attitude ka 2017
Bomme ba ba lekgolo ba BBC ka 2022 Seetsele sa mafatshefatshe sa BET International ka 2023 |
Moud Goba ke molwela ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang wa kwa Zimbabwe. Ke motshabi kwa United Kingdom kwa a gorogileng teng a santse a le mmotlana e le mokopi wa botshabelo a tshaba kwa Zimbabwe morago ga dingwaga tsa pogiso go bo a ratana le basadi jaaka ene.[1]
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Goba o goletse kwa Harare, Zimbabwe.[2] O tshabile kwa lefatsheng leo ka nako ya puso ya ga Robert Mugabe,[3] e go neng go bogisiwa ebile go tshwenngwa batho ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang.[4] Morago ga go kopa botshabelo kwa UK, o ne a leta dingwaga di le pedi gore kopo ya gagwe e atlege. Goba o ne a re nako eo ya go leta ke nako ya go ithaopa mo makgotleng a a farologaneng le go tlhama la gagwe - Gay Afrika - go nthusa go batla ba bangwe ba ba tshwanang le nna ba ba nnang kwa UK.[5]
Go lwela ditshwanelo
[fetola | Fetola Motswedi]Goba ke mongwe wa batlhami ba UK Black pride, moletlo wa baratani ba bong bo bo tshwanang ba bantsho kwa Lontone o o diragetseng fa e sale ka 2005.[6] Ke modulasetilo wa baeteledipele ba one.[7]
Goba o bereka e le moookamedi mananeo kwa Micro Rainbow International, lekgotla la bopelotlhomogi le le emeng nokeng batho ba ba senang magae ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang mme ba batla botshabelo. [8]Goba o bereka go thusa batshabi go batla ditiro gape o eteletse pele lenaneo la go batla magae a a babalesegileng le le thusang batho ba ka nna dikete di le masome a mabedi le botlhano ngwaga le ngwaga ba ba ratang ka bong.[7] Goba o itebagantse le batshabi ba ba gorogelang kwa UK go tswa Afghanistan.[9]
Ka ngwaga wa 2022, Goba e ne e le bontlha jwa mogwanto wa ditshwanelo tsa baratani ba bong bo bo tshwanang kwa pulong ya metshameko ya mafatshe a selekane kwa lobaleng lwa Alexander kwa Birmingham, England, a na le balwela ditshwanelo ba bangwe ba le batlhano le Tom Daley.[10]
Go bereka ga gagwe le makgotla a a santseng a simolola mo go thuseng batshabi ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang, Goba o ne a akareditswe mo lenaaneng la baagi ba mafatshefatshe ka 2023 ba ba lwelang ditshwanelo, go supiwa fa e le mongwe o o tlaa beiwang leitlho ka 2023.[11]
Dietsele le ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 2015, pampiri ya The Independent e ne ya supa Goba fa e le mongwe wa batho ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang ba ba nang le thotloetso kwa UK, ka maitemogelo a gagwe a go bereka le batshabi.[12]
Ka ngwaga wa 2017, pampiri ya dikgang ya Attitude e ne ya lemoga thuso ya ga Goba ya go thusa bathsbai ba bangwe ka go mo fa tlotla ya seetsele sa Attitude Pride.[3]
Ka 2022, Goba o ne a le mo lenaaneng la bomme ba le lekgolo ba BBC. a lemogiwa ka seabe sa gagwe mo batshabing ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang.[7]
Ka ngwaga wa 2023, Goba o ne a amogela seetsele sa BET International go bo a batlela batshabi ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang mafelo a botshabelo le go ba amanya le setshaba.[13]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Opoku-Gyimah, Phyll (6 December 2022). "Lady Phyll shares powerful story of the 'Black, lesbian, warrior woman' who changed her life for good, Moud Goba". PinkNews. Retrieved 30 April 2026.
- ↑ Goba, Moud (16 November 2021). "I fled to the UK seeking asylum – now I'm a proud lesbian mum". Metro. Retrieved 30 April 2026
- 1 2 "Attitude Pride Award Winner: LGBT asylum seeker activist Moud Goba". Attitude. 7 September 2017. Retrieved 30 April 2026
- ↑ Muparamoto, Nelson (11 November 2021). "LGBT individuals and the struggle against Robert Mugabe's extirpation in Zimbabwe". Africa Review. 13 (3): S1–S16. doi:10.1080/09744053.2020.1812042. S2CID 225237647. Retrieved 30 April 2026
- ↑ Cairns, Kay (15 January 2017). "Zim gay activist in the UK: Moud Goba – "Part gay but all human"". Nehanda Radio. Retrieved 30 April 2026
- ↑ "Moud Goba". LGBTLeaders.co.uk. Retrieved 30 April 2026
- 1 2 3 Wylie, Melissa (6 December 2022). "BBC 100 Women 2022: Who is on the list this year?". BBC News. Retrieved 30 April 2026
- ↑ "Meet the visionaries blazing a trail for LGBTQIA women and non-binary people". Diva. 22 April 2023. Retrieved 30 April 2026
- ↑ "Moud Goba". Rencontres Economiques d'Aix-en-Provence. Retrieved 30 April 2026
- ↑ "Zimbabwean lesbian and refugee part of gay rights parade at Commonwealth Games opening". NewZimbabwe.com. 31 July 2022. Retrieved 30 April 2026
- ↑ Okunola, Akindare (16 December 2022). "18 Activists You Should Absolutely Look Out for in 2023". Global Citizen. Retrieved 30 April 2026
- ↑ Morrison, Sarah (15 November 2015). "Rainbow List 2015: 1 to 101". The Independent. Retrieved 30 April 2026.
- ↑ Ramachandran, Naman (20 June 2023). "LGBTQ+ Activist Moud Goba to be Honored With 2023 BET International Global Good Award (EXCLUSIVE)". Variety. Retrieved 30 April 2026