Mphelabana

Ngwana sejo wa tlhakanelwa,ke ka moo malobeng mogologolo a ne are ngwana o godiswa ke morafe,ke ka moo re fitlhelang mo motseng wa gaetsho eleng motse wa Lotlhakane o fitlhelang le gompieno jaana motswana le ga a leka go ka ikgatolosa go ka nna le puo kgotsa gone go ka tshwaela ga aitemogela se serileng ka ngwana gongwe ele se sentshang ngwana mo tseleng,mogologolo a gopole gore la ntsa tota le dubiwa le sa le metsi.
Lebogang ke ngwana yo o golang mme a gola jaana a godisiwa ke Mme mogolo wa gagwe eleng motsala mmagwe ka mmagwe go utlwagala ga esale a pakile beke ya leshegenene are o ya leje-leputswa wa makgowa o go buiwang ka ene,outlwe mapantsola ba e goeletsa menona e supile ko godimo bare jozi,outlwe ka melodi ya teng ekete ke ya batho ba opela ka tsela etlabong e letswa ka teng ka go omongwe molodi o lela ka fa tlhakoring le lerileng ga o re o baya tsebe sentle go ka retsa outlwe ka fa mojeng ebile ekete motho o dira ka bomo go ka o leletsa mo ditsebeng tsa gago ga o emisa matlho ofitlhele tota moletsi wa molodi oo a le kgakajana le wena e le modumo wa teng o tshabelang ko ditsebeng jaaka gotwe tsebe ga ena sekhurumelo.
Matsatsi tota a ne asetse atumetse gore lebogang a bontshe tota ga a godisitswe ke mosadimogolo tota wa mokokotlo o sephara,mosadimogolo o lerato ebile a ratwa le ke baagi ba motse o ekadile ka ntlha ya kgodiso ya gagwe.matsatsi ao gone le fa mosadimogolo lesego tota gone go bontsha ga kgolo e teleketse,selo se ne se le esi hela se aneng a eletsa tota go ka bona ngwana ngwanage a mo tlotlomatsa mogare ga morafe go ka bontsha letsogo le agodisitsweng ka lone.
Letsatsi e ne ele la labone ga mosadimogolo a ikhuditse motlase ga setlhare a ntse a tshwere thupa ka letsogo,seo sa ba sa nkgopotsa tota ga mobitsa ntswa a sa tshware thupa gonne ntsa go bona thupa esiela kgakala go sa kgatelesege gore o mongwe wa yone kgotsa jang,tota le fa gone mosadimogolo lesego a ne atshwere thupa ka seatla o ne gone aetshwaretse go kaboka dikoko ga ntse di mopalama ebile dikokoretsa mopele ga gagwe,wai ka koko ele koko esa tshwane le ntsa,o ne a diboka gonanong ere morago hela ga metsotso ese kae diabo di mo dikaganyeditse gape,se ke se utlwileng hela mosadimogolo a lela ka sone ntle le setlogolo sa gagwe sa leitibolo mo baneng ba basetsana eleng lebogang ene e le koko tse di dirang ekete ga dije le fa gone mosadimogolo ga ele sengwe a ne aitima dijo go ka direkela mmidi.[1]
Tuur...tuur tuur yanna one mogala wa letheka go lela le fa gone a ne asa itse gore olela ntlheng efeng ,ya re go gadima a lemoga ga esale a osile mo lgodimo ga lelapa ga ane atshelela bo koko metsi a go kanwa,a tobetsa mogala ele gone go ka araba le fa gone a ne asa itse tota gore oleleditswe ke mang,dumela mme yanna puo etswang mo mogaleng,araba ka gore Ee ke bua le mang,o bua le morutabana makhuduga gotswa mo sekolong sa mphelabana re go letsetsa mogala jaana mme e le go ka utlwa gore a mosadimogolo a ka kgona go tsoga aitelekela ka dikago tsa sekolo,yanna morutabana a botsa mosadimogolo,seo ke mabapi le eng ga botsa mosadimogolo,tsoga o tlhagelela kwano dintlha tsotlhe otla di utlwa ga o goroga,seo le fa seile sa emisa pelo ya mosadimogolo,se nka gorayang sone ke gore legompieno jaana ko arobetseng teng,orobetse aikutlwetse ka tsebe.